Mobišopomogolo Desmond Tutu Tiro ya Morago ga Tlhaolele

Boswa jwa Tutu

©Eric Miller
Le fa morago ga gore tlhaolele e fedisiwe, Mobišopomogolo Desmond Tutu o ne a itse gore tiro ya gagwe e ne e le kgakala le go fela. O ne a sa ntse a na le toro ya kagiso ya lefatshe mme a nna a tlhomeli mogopolo mo go phasalatseng molaetsa wa gagwe le go aga boswa jwa gagwe. Ka 1998 o tlhomilemmogo Senthara ya Kagiso ya Desmond Tutu 'DTPC' le mosadi wa gagwe Leah. Senthara eno e simolotse tiro ya yona kwa Orlando Bophirima, Soweto pele e tswelela go ya kwa Kapa ka 2000. Senthara eo e neng e le kwa Kapa e ne ya tswelela ka go tlhoma lenaneo la Boeteledipele jo bo Simololang.

Tutu ka boena o boetse morago kwa maropeng a gagwe go nna morutabana. O rutile kwa Sekolong sa Bomodimo sa Episcopal kwa Cambridge, Massachusetts ka 2002. Ka 2003 o rutile kwa Yunibesiting ya Carolina Bokone mme ka 2004 o ne a boela kwa a neng a tsena sekolo gone, kwa Kholetšheng ya King kwa London, e le moporefesara wa go etela. Gape o ne a dira jaaka moporofesara wa go etela dingwaga di le pedi kwa Yunibesiting ya Emory kwa Atlanta, Georgia koo a neng a ruta bodumedi.

Matsholo a Boditšhabatšhaba a Kagiso

Tutu o tsweletse ka tlhago ya gagwe ya bua se se mo mafatlheng ka mathata a lefatshe lotlhe da neng a mo ama. O ne a ka kgona go dirisa maemo a gagwe go dira se a neng a ka se kgona go tlhama lefatshe le le botoka. Seno se akaretsa:

Ka 2006 Tutu o ne a simololwa letsholo la lefatshe lotlhe go thibela go gweba ka bana ka kwadiso bana botlhe kwa botsalong. Ka 2008 Tutu o tsenetse ngongorego ya go amana le Tibet kwa San Francisco ka nako ya Dikhuduego tsa kwa Tibet. Kwa ditshupetsong, o dirile boikuelo kwa ditlhogong tsa dinaga go ikgatolosa moletlo wa pulo ya Diolimpiki tsa Selemo kwa Beijing ka 2008 ka ntlha ya batho ba kwa Tibet.

Ka 2009 o ne a thusa go tlhama Khomišene ya Nnete le Poelano ya kwa Ditlhakatlhakeng tsa Solomon e e neng e tsamaisana le Khomišene ya Nnete le Poelano ya mo Afrika Borwa. Tutu o ne a tsena Khonferense ya Ditšhabakopano ya Phetogo ya Tlelaemete ka 2009 fao o neng a dira boikuelo jwa go thibela peeletso mo go ditukisi tsa fosele.

Ka 2017 Tutu o tsene le Baabelwa ba Sejana sa Kagiso sa Nobel ba le 10 mo go ikueleng gore Saudi Arabia e emise ya go bolawa ga bašwa ba neng ba ba tsereng karolo mo ditshupetsong tsa kwa Saudi Arabia mme morago mo ngwageng oo, o ne a kopa moeteledipele wa Myanmar go emisa ka go bolaya Mohingya wa Lemoselemo.

Go nna le Seabe le Merero ya Boitekanelo

©Eric Miller
Go tloga ka ge Tutu o neng a tlhatlhobiwa a na le kankere ya kgeleswa ya setlha mme a itemogela boitekanelo bo bo bokoa ka nako e e neng e le leloko la Khomišene ya Nnete le Poelano ka dingwaga tsa bo 1990 o nnile le seabe mo dintlheng tsa boitekanelo.

O ne a fetolela kelotlhoko yagagwe kwa go HIV/AIDS le bolwetse ba mafatlha 'TB'. Ka 2004 Motheo wa Desmond Tutu wa HIV o ne wa tlhomiwa go mo tlotla. Motheo o simolotse ka patlisiso ya HIV mee wa tswelela le go akaretsa go okelwa HIV, thibelo le katiso le tlhokome ya kalafi ya TB. Tutu o ne a bua thata ka tshwenyego ya gagwe ka roborobo la HIV le go bua ka tshwenyego ya gagwe fa Mopapa Benedict XVI a tlhophilwe. Mopapa o ne a itsege ka gonna kelotlhoko go ya ka dintlha tsa botonagadi le bong mme Tutu o ne a tlhagisa go tshwenyega ka gore Kereke ya Roman Catholic e tla tswelela gonna kgatlhanong ga yona le tiriso ya dikhondomo. Tutu gape o nnile moemanokeng wa Motheo wa Kankere ya Kgele ya Setlha wa Aforika.

Ka 2014 Tutu o ne a abelana ka gore o ne a sa dumele mo tshomarelong ya botshelo ka gotlhe gotlhe. O ne a nna monna nokeng wa molebeledi wa semolao wa thuso ya go swa mme a re o batla gore tlhopho e e nne teng go ena.

Modulasetulo wa Bagolo

©Roger de la Harpe
Ka 2007 Tutu o ne a tlhophiwa go nna modulasetulo wa Bagolo, setlhopha sa baeteledipele ba lefatshe se se biditsweng go nna tlhaba botlhale, matlhale, tshiamo le mekgwa ya go rarabolola dikgotlhang tsa lefatshe.

Ditokololo tse dingwe di ne di akaretsa Nelson Mandela, moporesidente wa maloba wa Afrika Borwa, Jimmy Carter, moporesidente wa maloba wa Amerika, Kofi Annan, Mokwaledi Kakaretso wa maloba wa UN, le Mary Robinson, moporesidente wa maloba wa Ireland.

O eteletse pele maitlhomo matlha a setlhopha go ya kwa Darfur kwa Sudan ka maiteko a go thusa go fedisa kgotlhang koo.

Bagolo ba ne ba ya go etela kwa Ivory Coast, Cyprus, Ethiopia, India, Sudan Borwa le Botlhabagare. Tutu o ne a rola tiro ya maemo a gagwe ka 2013.

Go Tshegetsa Ditshwanelo tsa Bongtona

Tutu o amogelesegile ka bophara ka ntlha ya tshegetso ya gagwe ya ditshwanelo tsa bongtona. Se e ne e le maemong a kganetso e kgolo ao a a tsereng fa o tsaya kgolagano ya gagwe ya boitumelo. Le fa go ntse jalo, Tutu a nna a tiile mpo kemong ya gagwe gore kgethololo ka mabaka a thobalano e lekana le kgethololo ka ntlha ya lotso kgotsa bong. O ne a ya go tla go fitlha a kwalela George Carey lekwalo morago ga Khonferense ya 1998 ya Lambeth ya bobišopo fa e neng ya tlhomamiswa gore kereke e ganetsa manyalo a bong bo bo tshwanang. Mo lekwalong, Tutu o ne a tlhalosa gore o jewa ke ditlhong go nna moAnglican le gore fa e le gore baelatlhoko ga ba rate kakaretso ba ka tlogela. O ne a latofatsa kereke ka goamega thata le bongtshadi.

“Fa Modimo, jaaka ba bua, o tlhoa bongtshadi, nka se obamele Modimo oo” - Desmond Tutu

Kgotlhang magareng ga Iseraele le Palesetina

©Eric Miller
Tutu o ntse a na le kgatlhego ka dinako tsotlhe mo kgotlhang ya Iseraele – Palesetina me o buile ka ga yona le fa tlhaolele e ne e le maatla.

Kwa morago ga go wa ga tlhaolele o tsweleditse kgatlhego ya gagwe. Ka 2002 o ne a neela ka puo e mo go yona a tshwya diphoso phatlalatsa molawana e e amanang le Bapalesetina mme a biletsa dikiletsokotlhao kgatlhanong le naga eo.

O ne a bapisa maemo mo tsamaisong ya tlhaolele. O ne a tla go nna tlhogo ya maitlhomo a Dinagakopano UN go ya kwa Moleng wa Gaza morago ga Mosole a Iseraele a bolaye batho ba le 19 ka 2006, mme o tlogetse fa Iseraele e gana go mo fa kgololo ya go tsena.

Go Botsa Dipotso ka Ntwa ya Iraq

Ka 2003 Tutu o tsere karolo mo tshupetsong ya kgatlhano le maano a United States a go tlhoma Ntwa ya Iraq. Kwa ntle le tshupetsong ya kwa New York mo go yona o ne a nna le seabe mme gape a letsetsa Condoleezza Rice mogala, a ikuela mo pusong ya US gore e tlile go ya kwa ntweng. O ne a botsa gore goreng Iraq e tlhopilwe e le ye ya go nna le dibetsa tse di nang le Yuropa, India le Pakistan. Ka 2004 o ne a tlhagelela mo go tsweletsong ya Off-Broadway, e e bediwang Honor bound to Defend Freedom, e e neng ya tshwaya puso ya US phoso ka tlhatlhelo ya batshwarwa kwa Guantanamo Bay. O ne a sa fetse go bua ka kganetso ya gagwe ka go tlhatlhelwa kwa ntle le tsheko ga batho ba go nneng go belaelwa ka borukhutlhi mo kwa bobedi US le UK, go bapisa le ditlhatlhelo tse di diragetseng ka nako ya tlhaolele. Ka 2012 o ne a dira piletso ya gore George W. Bush le Tony Blair ba sekisiwe ke Khoro ya Bosenyi ya Boditšhababa ka go simolola Ntwa ya kwa Iraq.

Tshwao Phoso ya Baeteledipele ba Bašwa bo mo Afrika Borwa

©Eric Miller
Le fa a ne a itumelela gore puso ya Afrika Borwa ya kgatelelo o phutlhamisitswe ka 1994,Tutu o ne a tlhokomela go nna kelotlhoko ditiro tsa puso e ntšhwa mme ga a ka a okaoka go bua ka ga diphoso tse a nneng a di bona.

Dingwe tsa dilo tse a di a neng a di botsolotsa ke ka ga puso e akaretsa tiriso ya yona ya madi mo dibetseng, molwana wa puso ya Robert Mugabe kwa Zimbabwe le dipaterone ya batho ba ba bolelang Senguni go fekeetsa maemo a se polotiki a a kwa godimo.

O latofaditse Thabo Mbeki ka go pateletsa boikobo jwa bofofu go tswa mo malokong a ANC le go mo tshwaya phoso ka go sa ele tlhoko ka go selekane mo leroborobong la HIV/AIDS.

Tutu gape o tshwaile motlhatlhami wa gagwe phoso, Jacob Zuma, go nna le boitsholo bo bo sa siamang ge ditafatso tsa petelelo le bobodu kgatlhanong le ena di tlhageletseng.

Tutu o Rola Tiro

©Eric Miller
Tutu o rotse tiro go tswa mo botshelong jwa setšhaba ka 2010 a na le dingwaga di le 79. O ne a tswelela ka tiro ya gagwe mo Bagolong le Setlhopha sa Baabelwa ba Nobel le go go tshegetsa Desmond Tutu kagiso le go engwa nokeng, fela go tswa mo maemong a tiro ya gagwe ya go nna Mokhanselara wa Yunibesithi ya Kapa Bophirima le kemedi ya Komiti ya dikgakololo ya Dinagakopano ka thibelo ya kgailo ya morafe. O fitlheletse maemo a letshwao mo Afrika Borwa mme e amogedisitswe ka digerata tsa bongaka tse dintsi, gammogo le dikabelo tse di jaaka Sejana sa Kagiso sa Nobel le Mmentlele ya Kgololosego ya Moporesidente wa kwa Amerika.

Translated by Lawrence Ndou