Meerkat

© Nigel Dennis

Leina

Meerkat, suricate (Suricata suricatta)

Ponalo

E bidiwa meerkat ka teme ya Afrikanse, Yellow Mongoose kgotsa suricate ka sekgoa. Meerkat ke leina le le bonweng kwa puong ya se’Dutch, le le kayang gore phologolo e e jang ditshoswane. Gantsi o ka e bona e emeletse ka maoto a yone a kwa morago mme e itshegeditse ka mogatla fafatshe, ebile e thenekisa tlhogo e tlhatlhoba tikologo. Mmele wa yone wa mmala wa borokwa le boselefera o na le mela ya ditsubaba tsa mmala wa boshibidu jwa borokwa mo mokwatleng. Matlho a yone a dikagantswe ka reng ya mmala o montsho.

E ka nna semeto sa boleele jwa 250-310mm mmele le tlhogo fa mogatla o ka nna 200-240mm. Ya mogolo e ka nna bokete jwa digrama dile 620-960. E na le mogatla o mosesane oo nang le meriri e mekhutshwane, mme e na le bontsho kwa ntleng ya one. Maoto kwa morago a magolwana mogo a a kwa pele. Tlhogo e nnyane mme e sephara ka bokgolokwe. Nko e etelela kwa pejana ka ntlha ee mutsu ka molomo ka fa tlase. Fa o e lebeletse o kare e a nyenya.

Dijo

Matsitsipane o fepa ka ditshenekegi, bo rotwe ba ba nnye, mekgantitswane le dinoga tse o ditshwarang ka lebelo la ka pele. Tse di mo mmeleng le tse di amusang di tla fula go feta tse dingwe tsa morafe gore di kgone go bona mafolofolo aa tlhegang go tsala le go amusa. Tsotlhe di fepa ka dijo tse ditshwanang go sa kgathalasege go ke tona kgotsa ee namagadi kgotsa ya ngwana kana ya mogolo.

Tsalo

Tse di namagadi di latela tlhamagano ya go ima ka fa go ka tsala e le nngwe fela mo setlhopheng se le sengwe ka sebaka. E ka tsala e le nngwe kgotsa tse tharo ka ngwaga, mme di tsala ka paka ya pula. Tsalo e kwa godimo magareng ga kgwedi ya Ferekgong le Mopitlo. Setlhopha sotlhe se thusa ka tlhokomelo le kgodiso ya mmotlana. Fa setlhopha se ile mafulong go ja, e le nngwe ya mogolo e tla sala kwa morago go tlhokomela bana.

Mekgwa/Maitshwaro

Meerkats di rena mo mafelong a tsone mme diya a sireletsa. Palo ya tsone mo setlhopheng e ka nna maloko a a lesome, mme re ka bona palo e e lekalekanang ya tse ditona le tse dinamagadi. Di matlhagatlhaga bosigo le motshegare (diurnal), mme di iphitlha mo mesimeng ya tsone masigo le faa di ka tlhaselwa kgotsa go tshosediwa ke diphologolo tse dingwe.

Kwa di ka Bonwang kwa Teng

Gantsi di bonwa kwa mafelong a di’subregion. Mono Afrika Borwa meerkat e anamile thata kwa bophirima ba naga, go akaretsa kwa profinsing ya Bokone Biphirima, go elela kwa tlase o ka dibona kwa Free State le go tsenelela kwa Karoo le bokgakala jwa Cape Town go tshollogela kwa Bophirima go fitlhella kwa Atlantic seaboard.