Mebutla Tlhabo le Molao

© Eva Kroecher

Pelo o ka simolola go tsadisa mebutla go dira kgwebo (mme e seng fela go e eja kwa gae) go botlhokwa gore o bule mmaraka wa setlhagiswa sa gago. Ga gona ditlhopha tsa bodira-mmogo mo Afrika Borwa tse di ka go thusang ka seno ntle fela le fa o le moruo o o ka fa tlase ga kontraka ya lekgotla le le golo jaaka Coniglio.
Go na le matlhabêlô a le mmalwa a a kwadisitsweng mo Afrika Borwa mme fa o setse o tsadisetsa go rekisa nama, o tshwanetse go dirisa matlhabêlô go netefatsa “mokgwa-tlhabo o o siameng” le go latedisa ga motlhala – go itse kwa setlhagiswa se tswang teng.
Matlhabêlô a dikgogo a le mantsi a ka diriswa go tlhaba mebutla, fela netefatsa fa ona le lefelo la tlhabelo pele o ka simolola go tsadisa mebutla ya gago.
Barui ba letleletswe go tlhabela go dirisa kwa gae, fela tlhôla melawana ya kwa kgaolong ya gago go bona fa go sena ditlhokegô tsa tlaleletsô ka fa Afrika Borwa e na le melao e e gagametseng e e malebana le tlhabô ya diruiwa. Porofense nngwe le nngwe le puso ya selegae di na le melawana ya yone mme ka jalo go botlhokwa gore o itse ditlhokegô tsa kgaolo ya gago. NSPCA le SABS ga jaana ba leka go tla ka melao ya Best Farming Practice e e totileng mebutla go netefatsa tlhôkômêlêsêgô ya mebutla yotlhe e e ruiwang.
Tshwara mebutla e e tlhopetsweng go tlhajwa ka bonolo le tlhompho. Phologolo e e tshogileng ka motsi wa tlhabô e gagamatsa mesifa mme nama ya teng e nne thata.

Mokgwa wa go Tlhaba

Le fa mokgwa o o siameng e le wa go dirisa metšhine ya motlakase ya tlhabô, metšhine e e siametseng mebutla ga e bonwe bonolo mo gae mme ka nako dingwe e tlhwatlhwa-godimo go ka dirisetswa tiro e potlana.
Mokgwa o o tlhaloswang fano ke wa kgopolo ya gore motho yo o tlhabang o dirisa letsogo la moja le gore letlalo (bobowa) le tlile go sugwa. Mokgwa o o latelang o tlile go netefatsa fa tlhogo e ntshiwa mo mmeleng mme e obolwe letlalo fa thoko gore e jewe kgotsa e latlhiwe jaaka mateng.
Baya mmutla mo tafoleng tlhogo ya ona e lebetse kwa molemeng wa gago, mme o netefatse fa e rapaletse ebile e itshetletse. Baya letsogo la gago la moja fa godimo ga sefatlhego le matlho a ona, gatelela monwana wa kgonotšwê le monwana wa kgôtla o mone mo gare ga ditsebe go di kgaoganya, mme o di tobetse go di ntsha mo tseleng.
Ka go dirisa sediriswa se se khutshwane se pipinêgile mme se le bokete (thobanyana) mo letsogong la gago la moja, kitla tlhogo fa morago ga ditsebe, e seng molala. Ka tsela e, boboko jo bo nnye bo a gobala mme loso lo ka gangwe.
Morago ga go kitla, mmutla o tla ragaraga ka maatla e le karolo ya go swa. Go re o kgone go semagana le seno, o tshwanetse go latlha thobanyana ka gangwe gore o kgone go tshwara mmutla ka letheka la ona o dirisa letsogo la moja, o kuka lemorago la yona go tswa mo tafoleng. Ka nako e le nngwe somela seatla sa gago sa molema go ya kwa godimo go tsaya molala wa mmutla.
Jaanong ka ge o tshwere setoto ka fa tlase ga taolô, o tshwanetse go emisa tlhogo ya mmutla fa godimo ga mogopo go tshwara madi a a tswang mo nkong. Fela, ga se kitlo nngwe le nngwe e e thubang ditshika tsa madi tsa ka fa gare, mme go ntsha madi otlhe a setoto mebutla e tshwanetse go kgaolwa kgokgotso.

Translated by Nchema Rapoo