Mathata ka Dipodi mo Mafulong

© Chris Daly

Bloat mo Dipoding

Fa dipodi di ise nke di nne mo mafulong, di tlwaetse mafulo ka iketlo ka go di letlelela go fula metsotso fela ele 30 ka letsatsi la ntlha. Oketsa nako ya phulô ka metsotso ele 30 tsatsi lengwe le lengwe. Seno se ka thibela bloat e e bakwang ke phetogo ya tshoganetso mo phepông ya dipodi. Bloat e diragala fa mowa o o maswe o tshwarega mo leleng la rumen mme e lemogwa ka letlhakore la molema le le rurugileng thata. Ke selo se se kotsi go botshelo jwa podi.
Bloat e e omeletseng gantsi e bakwa ke go ja ditlhaka tse di fetang selekano. Seno se ka alafiwa ka stomach tubing (mo lobakeng lwa potlako), melemô ya bloat e e tshelwang ka molomo kgotsa Milk of Magnesia. Tsamaisa podi go se nene mme o e fepe furu e e omeletseng ele magwatata.
Bloat e e lefulô gantsi e bakwa ke go ja difepi tse di ungwileng mme di kolobile tse di jaaka clover, alfalfa kgotsa mafulo a monawa. Dipudula tse nnye di bothata go ka botlwa ke podi. Go alafa bloat e e lefulô, Dr Mackie Hobson wa South African Mohair Growers' Association o gakolola tse di latelang:
Go di nosa oli gotswa merogong (20 goya go 100ml) ka molomo kgotsa ka tšhupu.
Alafa ka Bloat Guard® go thuba lefulô. Seno se tlile go thusa go ntsha mowa le go oketsa kgatelelô ya boalo ya seeledi sa lela la rumen.
Seelo se se sa kwadiswang ke 10ml mo dipoding. (Mo dikgomong tsa bokete jwa 200 kg, seelo ke 30ml ya Bloat Guard®.) Go kuka maoto a kwa pele a podi go ka thusa go ntsha mowa morago ga kalafo ka Bloat Guard®.

Dimela tse di Kotsi go Dipodi

©Dr Mackie Hobson
Lekola mafulo go bona dimela tse di kotsi jaaka yew e e tlwaelegileng (Taxus baccata) kgotsa matlhare a ditlhare tsa maungo a a matlapa (cherry, perekisi, plum) a a leng kotsi, le fa a le ka bonnye.
Moraea (Iridaceae, tulip) le Drimia (Hyacinthaceae, kgotsa slangkop ka Afrikaans) e tlhagelela pele ga dipula mme e ka nna sona fela setalafadi se se leng teng.
Dimela tse dingwe tse di botlhole (tse gantsi di sa fitlhelweng mo mafulong a a lemilweng) di akaretsa puncture vine (duwweltjie ka Afrikaans kgotsa Tribulus terrestris), oleander, mogau le sehupanetsi, ‘plakkies’.

Bomotlhampepe mo Dipoding

Thulaganyo ya tikoloso-phulô ke tsela e e gaisang ya go dirisa lefatshe la gago ka bojotlhe le go tshola dipodi tsa gago di itekanetse. O tlile gape go tlhoka mafulo a a lekaneng go letlelela lefatshe la gago go ija fela (go ikhutsa). Go letla lefatshe go ija fela (bonnye sebaka sa kgwedi) go letlelela bojang go ka tlhoga gape go nna boleele jo bo eletsegang - 10cm le go feta, pele le ka diriswa gape.
Seno gape se thibela lefatshe la gago go ka gogolega mme go thusa go thibela leruo la gago go tshwaetswa ke bomotlhampepe ba ka fa gare. Go botlhokwa go lemoga gore dipodi tse di mo mafulong di tshabelelwa thata ke tshwaetsego ya bomotlhampepe ba ka fa gare le gore diritibatsi tsa twantsho-motlhampepe di ka nna le ditlamorago tse di sa siamang mo mašwing. Jaaka dipodi di fula, di tlhotlhorela mae le dibokwana tsa motlhampepe fa fatshe.
Bontsi ba tseno bo tshela fa bogodimong jwa 10cm. Ka go dikolosa dipodi tsa gago gotswa mo mafulong a a futsweng kwa tlase ga 10cm, o thusa go fokotsa kgonagalo ya go tshwaetswa ke bomotlhampepe. Dipodi gape di tshwaetswa ke bomotlhampepe fa di fula mo mafulong a a tletseng mmu. Bomotlhampepe ba fitlhelwa mo mantleng a dipodi mme dipodi di lwala fa di sena go a ja. Tikotshelo ya bomotlhampepe e tswelela pele fa mae a bona a ntshwetswa mo mantleng a dipodi.
Bomotlhampepe ba ka fa gare ba wela mo ditlhopheng tse tharo tse di kgolo:

Dibokokgolokwe - wireworm ke sebokokgolokwe se se tlwaelegileng thata ebile se le kotsi go gaisa.
Dimphê
Flukes - seboko sa motlhampepe se se phaphathi.
Dibokokgolokwe (nematodes) ga jaana ke motlhampepe wa ka fa gare wa dipodi o o tlwaelegileng thata, bontsi jwa ona bo tshela mo mpeng le mo leleng, fela le mo thulaganyong ya khemo. Matshwao a tshwaetsego a akaretsa matshwao a letshololo le tatlhegelo ya bokete jwa mmele. Dimphê di ka bonagala jaaka dikarolwana tse di sephaphathi mo mosuteleng wa dipodi fela ga di kotsi go le kalo mo dipoding.\
Liver fluke e baka tshenyego ya sebete mme matshwao a akaretsa letshololo, ‘bottle jaw' (thurogô ka fa tlase ga molala) le anaemia. Tshola dipodi kgakala le dikarolontse di metsi tse di dithetse.
Matshwao a tshwaetsego ya motlhampepe wa ka fa gae a akaretsa timpalô go dikologa matlho, tatlhegelo ya mmele le tatlhegelo ya maatla le keletsô-dijo. Podi e ka nna le letshololo, mogotlholo, boboa jo bo magwata le phokotsego mo ntshông-mašwi.
Go alafa motlhampepe ya ka fa gare go tlhoka ntshô-seboko e e botlhale mme e kgonega. Morui o tshwanetse go supa mathata a a nepagatseng mme a kope kgakololô gotswa go ngaka ya gagwe ya diphologolo. Tsaya disampole tsa mosutele wa dipodi gotswa go podi ele nngwe kgotsa di le pedi tsa segolwane le gotswa go potsane ele nngwe kgotsa di le pedi. Ngaka ya diphologolo e tlile go bala mae go supa tshwaetsego e e maleba.

Translated by Nchema Rapoo