Mapungubwe Thuto ya Tikologo, Dimela le Ditshedi

Mapungubwe e Itsege ka

©Roger de la Harpe

Mapungubwe e itsege ka kopantsho ya Mopane Bushveld le dimela tsa kwa lefelo la bojang. Palo ya manno mo phakeng e feletse ka mefuta e e farologaneng e feleditse mo pharologanong e e kwa godimo ya diphedi. Go na le bonnye 24 ya diphedi tsa ditlhare tsa Acacia le 8 ya Commiphora.

Setlhare se se tlawelegilenbg sa mopane, se se bonalang ka matlhare a sona a a tshwanang le serurubele, mme se fitlhile gape le diboko tsa mopani ts e di monate. (Mashonza kgotsa Masonja). Diboko tse di jewang di jewa mo porofenseng ya Limpopo ka bophara mme di tshwanetse go lekwa ka bajanala botlhe ba go itumedisa.

Bagolo ba Phaka

©Roger de la Harpe

Bagolo ba phaka ka go tlhoka pelaelo ke dibaobab (Adansonia digitata). Ditlhare tseno tsa bogologolo di ne di setse di tsofetse fa batho ba Lekgaba la Mapungubwe ba ne ba boloka dikgosi tsa bona, mme di gola ka tlotlo ka dingwaga. ke ditlou mo lefatsheng la dimela, e leng toro mo se sengwe le sengwe.

Bokima ba tson bo bo golo thata,botelele ba tsone jwa go ya godimo kutu ya sone e e tsutsubaneng ke sengwe se se tshwanetseng go kgatlhegelwa. Ke dingwe tse di bidiwang ditlhare tsa go fetolelwa ka gonne, fa di se na matlhare, makaleng a a tlhakatlhakaneng a akanngwa a lebelega jaaka medu e e lebeletseng kwa godimo tlamela loaping.

Go ralala le lefelo la merwalela e e edileng ya Limpopo, ditlhare di melela mo tlaleletsong ya fa thoko ga noka ka marulelo a a tswetsweng. Sekgwa sa dithlare tsa letshoroma la dikgwa, ditlhare tsa tshipi, mebitlwa ya kamela, dipalema tsa ilala le borekhu ba nyala (mashatu) ke botshemekelo bo bo nonneng ba palo e kgolo ya dikgabo le dinonyane.

Melapo le Mebotwana e e Refosanang

©Shem Compion

Tebego mo phakeng ke e gakgamatsang ka go sa tlwaelegang. Mo ngwagaketeng, seo se neng se le naga godimo se jelwe mme gwa tlhola lenaga magolo la melapo le mebotwana e e refosanang. Kwa godimo ga Limpopo, masaledi a lenaga a naa tsela go mokgokolosa o o kwa godimo o o fologelang mo merwaleleng e e itshekileng ya noka.

Bogodimo bo simolola go tswa go 300 go ya go 780 dimitara tse di fa godimo ga lewatle. Makgaba ao a tlhaotsweng le makgabana a tikologo, jaaka Mapungubwe, di tlhodilwe fa llaga ya Clarens Sandstone e kgokolega thata go feta mo tsamaong e telele ya nako, go fitlhela fela palo ya dijalo tse di ikemetseng e sala.

Sekhurumela se sa letlapa le le khibidu (se tlhalosiwa jaaka ‘ditotomana tsa sekaka tse di tshogileng’) di kopanywa le tlhaga e e sorolwane mo melapong go naya baeng pono e ntseng sentle ya mmala.

Diteng tse di Bolokilweng

©Roger de la Harpe

Le mororo dikgogedi tse di golo tsa yona e le tsa setso go feta tsa diphologolo, ka fa polokelong go na le 4 ya tse tlhano 5 tse di golo. Eo e seng teng ke nare fela, ka ntlha ya go tshaba bolwetse ba tlhakwana-le-molomo. Setlhopha sa ditau se ne se bonwe nako le nako, fela go akanngwa gore ke bafaladi go tswa letlhakoreng la Botswana e bile ga di nne mo lefelong le ruri.

Go na le mefuta ya diphedi tsa diphudufudu mo phakeng, go akaretsa: tholo, kgokong, phudufudu ya metsi, duiker, phuti, hartebeest e khibidu, kudu, phala, motshelamatlapa, steenbok le Gemsbok. Diphologolo tse dingwe di akaretsa nkwe, tlou, pitsi, thutlwa, dikolobe tsa naga, tshwene, dirunya,disivete, noko, caracal, kgabo ya vervet le thakadu.

Lengau, letlhalerwa tshukudu e tshweu, le phiri le tsona di bonwe, fela ga di a tlala. Phaka e na le kakgolo ka botlalo ya dipeba, digagabi, dinonyane le ditshenekegi, go akaretsa tse di tlhano 5 tse di nnye. Se ke gore peba ya tlou, khunkhwane ya tshukudu, nare ya mologi, khudu ya nkwe le tau ya tshoswane. E seng gore tsotlhe tsa ditshedinyana tse ga di kotsi, le fa go le jalo.

Ditlhware le mekwepa di tlwaelegile, mme bonnye ditshedi tsa digokgo di le robongwe di supilwe mo phakeng. Mopitlwe le Motsheganong ke nako e e gaisang ya go bogela diphologolo tsa naga; Ngwanatsele go fitlha Mopitlwe di a gaisa ka go bogela dinonyane.

Translated by Lawrence Ndou