Mapungubwe mo Dintshing tsa Noka ya Limpopo

Sekhutlhwana sa Magodu a Diphologolo

©Roger de la Harpe

Seno ke tselana ya mmila o o ikadileng ka go rapalala le dintshi tsa Limpopo. E ne e kile ya dirisetswa go tlhokomela molelwane o o sireleditsweng ka maatla magareng ga Afrika Borwa le Zimbabwe, mme ke bopaki jwa ntwa e e setlhogo ya kwa nageng e e neng e runtse mo matlhakoreng ka bobedi a noka.

Pele ga fao, e ne ele lefelo-kgabaganyo la mmamoratwa go magodu a diphologolo a a neng a batla go thuntsha kwa ntle le molao kwa Zimbabwe. Gompieno, dilo di retibetse mme maikutlô go ikala le noka a boroko. Dikagô tsa kgale tsa sesole di le mmalwa di phutlhamela fatshe ka iketlo, mme batshwari ba ditlhapi ba selegae ba Zimbabwe gotswa mo metseng e e gaufi ba tsamaela kwa metsing ka metlha goya go tshwara ditlhapi.

Hêkê e nnye mo terateng ya molelwane e go neela tshono ele nosi ya goya kwa losing lwa Limpopo, kwa o ka tsholeletsang batshwari ba ditlhapi seatla le go itumelela tebo. Go gontle. Fela o seke wa ya go thuma, kgotsa o tla fetoga motswakwa yo o seng mo molaong kwa Zimbabwe.

Translated by Nchema Rapoo