Mandela le Umkhonto we Sizwe – Pegelo ka Benjamin Pogurd

© Eric Miller

Lerumo la Setšhaba

Mo bogareng jwa 1961, baeteledipele ba ANC ba kopane mo sephiring mme ba tsaya tshweetso e e masisi ya go tlhoma Umkhonto we Sizwe (MK), Lerumo la Setšhaba, go bolotsa ntwa kgatlhanong le tlhaolele. Mandela o ne a nêêlwa marapô. Tshweetso e ne e na le boitlamo jo bo botlhokwa – ditlhaselo di ne di tlile go dirwa mo dikagong, mme go ne go sena moagi yo o tlileng go bolawa.

Seno se ne se ikaegile lwantlha mo tumelong ya ANC mo mogopolông wa ga Mahatma Ghandi wa go sa dirise tirisodikgoka mme sabobedi e ne e le pônô ya gore go bolaya basweu go tlile go tiisa go tshaba ga bona ke go buswa ke bontsi. Ntle fela le mo mabakeng a le mmalwa, molawana ono o ne wa nna tirisong mo dingwageng-some tse tharo tse di lateng.

Ka molawana o mo ša ono mo tirisong, Mandela o ne a bolola go ralala Afrika mme a ya kwa Brithane le kwa Soviet Union. Puso e ne e eme sejaro mo go boeng ga gagwe fela o ne a boela ka bokhukhuntshwane gape mo nageng ntle le go thibelwa, a goroga go tswa kwa Bechuanaland, e leng Botswana ga jaana. Balaodi ba koloni ya Brithane koo ba ne ba itse ka go totobala go re o tlile go tsena mo Afrika Borwa leng le kwa kae, fela ba seke ba bolelela Pretoria.

Ke boleletswe seno ke mookamedi wa tshireletso, Gerry Forrest, mme ke ne ka mo dumela ka fa ke itse, go tswa mo dipuisanong tse di fetileng le ênê, gore ona le megopolo e e kwa tlase ka ga sepodisi sa Afrika Borwa, mme a ne a sa rate badirammogo ka ênê ba tsa tshireletso ka ntlha ya dikakanyo tsa bona.

Nngwe ya ditiragalo tse di mo tenneng ke fa a ne a kgweetsa go tla mo Afrika Borwa mme mongwe wa sepodisi kwa molelwaneng a mo laela go bula bônêtê ya sejanaga sa gagwe. 'O akanya gore ke fitlhile Mandela mo enjeneng?' Forrest o ne a botsa ka go sotla. Ka Phatwe 1962, Mandela o ne a tshwarwa fa a ne a le mo loêtông kwa Natala, mme o ne a sekisetswa le go golegelwa thotloetso le go tswa mo nageng ntle le molao.

Katlholelô go ya Robben Island

Morago, fa a le kwa kgolegelong, phuruphutsô ya tshoganyetso ya kwa Rivonia e ne ya diragala, ka go dirisa bopaki jwa ditokomane tse di fitlhetsweng kwao, ênê le badirammogo ba bangwe ba gagwe ba ne ba sekisetswa ditatofatsô tse di masisi tsa gore ba batla go diga puso ka dikgoka. Katlholelo-loso e ne e le leru le lentsho mo tshekong mme go ne go tshogilwe gore e ka rebolwa.

Kwa dikarolong tse di kwa ntle ga mmuso go ne go akanngwa ka nako eo gore e ne e le fela maatla a kgatelelô ya boditšhabatšhaba e e bakileng gore moatlhodi a gogele morago katlholelo-loso mme a atlholela Mandela botshelo-jotlhe kwa kgolegelong. Mandela o ne a iswa kwa kgolegelong ya tshireletsego e e kwa godimo ya Robben Island jaaka mongwe wa batshwarwa ba ka nna 1 400 ba ba neng ba golegilwe kwao.

Puso e ne ya gana go ba kaya jaaka batshwarwa ba sepolotiki mme ya gagapala gore ba tshwarwe go tshwana le bagolegwa ba bosenyi (ntle fela le gore batshwarwa ba sepolotiki ba ne ba ganelwa phokoletso ya katlholo ya tlwaelo e e fiwang babolai, babeteledi le dirukhutlhi).

Mandela o ne a fiwa dijo tsa boleng jo bo kwa tlase tse di fiwang bantsho fa go bapiswa le batshwarwa ka ene ba mmala le ba ma-Asia – mme botlhe bano ba ne ba fiwa tse di kwa tlase gona le basweu, ba le bona ba golegilweng ka Tsheko ya Rivonia, ba ba neng ba tshwerwe kwa kgolegelong ya selegae kwa Pretoria.

Upololô ya Daily Mail

Rand Daily Mail e thusitse go tokafaletsa Mandela le batshwarwa ba bangwe ba bantsho botshelo, ka upololô ya rona ya maemô a a bokoa a kwa kgolegelong ka 1985. Puso e ne ya ganetsa nnete e re e gatisitseng mme ya tsaya dingwaga tse nne tse di latetseng go sekisa metswedi ya rona mme kwa bokhutlhong, mookamêdi wa lokwalo-dikgang le nna jaaka mmega-dikgang; fela, ka nako e le nngwe, e diragaditse go tokafatsa maemô.

Nngwe ya ditlamorago go Mandela le batshwarwa ba bangwe, mo matsading a bona a mariga mo mantlwanafifing a a tsididi a konkoreiti, e ne e le go newa ditlhako le dikousu gona le go newa dirampeetšhane tsa rabara (batshwarwa bangwe le tseno ba ne ba sena tsona mme fa tsamaya ka looto fela); ba ne ba newa marokgwe a maleele gona le go newa a makhutshwane a 'tsotsi' a boleele jwa dikotara-tse-tharo, mme ba newa gape dijeresi.

Maemo a a setlhogo a ne ka iketlo a nolofala mme go ne ga nna le phediso ya pogiso ka batlhokomedi e Mandela a neng a e bona kwa tshimologong.

Mandela o tsweletse go gola jaaka motho. Go ratega ga gagwe ka tlhago le mekgwa ya gagwe e e siameng ya boeteledipele e ne ya tswelela. O ne fela a sa etelelepele banna ba ANC mo kgolegelong, mme o ne a tlhomphiwa ke bagaisani ba sepolotiki ba ANC – Pan Africanists le matlhogela a bona a Poqo, African Resistance Movement e nnye le Yu Chi Chan Club e nnyennye.

Mandela o ne a le teng ka nako tsotlhe go fana ka dikgakololô go mongwe le mongwe yo o di batlang. O ne a itsagale ka go isa makgwafo tlase ga gagwe le bokgoni jwa gagwe jwa go reetsa se bangwe ba se buang.

Translated by Nchema Rapoo

Mandela, The Moral Voice of Africa

Kwa kopanong ya OAU kwa Tunis ka Seetebosigo 1994, mmegadikgang o tlhalositse Mandela jaaka “Lentswe la tshiamo la Afrika”....more