Mandela The Black Pimpernel ka Benjamin Pogrund

© Eric Miller

Mobega dikgang wa tsa politiki ya batho ba bantsho

Fa a ne a gasa maikaleslo a gagwe go tlhakatlhakantsa dikeketo tsa Republic Day ka Motsheganong wa 1961,, Mandela o kgonne go ipaya mo leitlhong la goromente. Mme pele ga gore ba dire sepe, ba ne ba tshwanetse ke go mo tshwara, ka jalo seo se nnile ntlhakgolo ya mapodisi a mantsi mme Mandela o ne a kgona go ba tshabela mme a itsege jaaka “The Black Pimpernel”, morago ga moanelwa wa maitirilo wa Baroness Orczy. O ne a sa iphetole sebopego. O ne a sireletswa ke batshegetsi mme a tahware dikopano mo sephiring.
Ka gonne ke ne kele mobega dikgang yo oneng a bega ka dipolotiki tsa batho bantsho,ke ne ke ntse ke mmona fa a ne a batla go bua le nna. Mobegadikgang yo mongwe yo a neng a kgona go mmona ene ele moswi Charlse Bloomberg wa Sunday Times, yo a neng a feleletsa a tswile mo lefatsheng la ka kwano ka lebaka la lotshogo la gagwe le le neng le tlhaloganyega la ditlamorago tsa go kwala pego ee tlhagisitseng tsotlhe kaga Afrikaner Broederbond, lekgotlha la mo sephiring le le neng le laola goromente go sa itsewe.
Mandela le nna re ne re kgona go romelana melaetsa fa yo mongwe a batla go kopana le yo mongwe. Lefelo la rona la tlwaelo e ne ele lelapa lele kwa motsesetoropong wa Fordsburg laga Adelaide le Paul Joseph, maloko a Transvaal Indian Congress. Go sa nneng jalo, re ne re kopana masigo mo mmileng oo gaufinyana: Ke ne ke tla emisa sejanaga mo lefelong lele lefifi mme abe a tlhagella. o ne a iphitlha sebopego fela ka go apara paka ya madiri, mme di ne di sa mo fetole thata ka gonne sebopego sa gagwe se ne se ikgethegile thata. Re ne re ka nna mo sejanageng mme re sekaseke tsotlhe tse antseng a di dira.
Go netefatsa gore se a se buileng se tla kgona go gasiwa, re ne re rulaganse gore ke kgone go fitlha kwa kantorong ya dikgang ka nako ya 5:00pm letsatsi le lengwe le lengwe. Ga go tlhokega, mogala o tla lela mme lentswe le tla bala mokwalo wa Action Council kwa go nna. E ne e ka se nne Mandela, mme ba bangwe ne ba ka letsa. Ka dinako tse dingwe ke ne ke ka tshwantsha lentse la tsala.

Bokgutlho ba kgaolo

Gape, histori e tla re ngongorego e fokotse. Matshosetsi a goromente le ponagatso ya matla a yone a berekile. Afrika Borwa e bile ya tsena ka motlhala o moshwa. Kgakologelo ya ga Mandela e ke nang le yone ke kaga dikarabo tse pedi tsa gagwe. Ya ntlha e gorogile mo mosong wa mogwanto: Rand Daily Mail e ntshitse kgaso ya tshoganyetso gore e bone mebila ka 8:00am. Mogwanto wa ngalo ditiro ga oa atlega; mme ga oa tlholega gotlhelele. Diperesente dile 50 tsa babereki ba o tshegeditse. Fela The Mail, ka potlako ya bone, ba amogetse mafoko a goromente le batsamaisi ba masepala mme ba raya batho gore ngalo ditiro e foloditse.
Kuranta e, ene e tlhomphiwa thata ke babuisi ba yone ba batho bantsho, ka jalo kgangkgolo ya yone e bolaile tshepo epe e mogwanto wa ngalo ditiro o kabong o nnile le yone. Ke ne ke ntse kwa tafole bodirelong bame, mme ka ikutlwa ke wele maikutlo ka se re se dirileng fa Mandela a letsa ka mogala.
Ke bile ka simolola go kokwaetsa, ke kopa maitshwarelo mme a mpolelela gore oa itse gore ene ese phoso yame. Ke bile ka gakgamatsiwa ke mowa wa bopelonomi ka monna yo wa motswa setlhabelo, ka tshotlhe tse a di dirileng dikgwedi dile dintsi go ipakanyetsa letsatsi leo mme ga a ka a mpontsha tshakgalo kgotsa kutlobotlhoko.
Fa a ne a letsa gape bosigong joo, ke kgatlhilwe thata ke bonnete jwa gagwe. ‘Batho ga ba aka ba latela taelo ya go nna kwa magaeng ka tsela e re neng re solofetse ba tla dira.’ A tswelela go bua are, “Ga rea wa mowa. Se ga se bofelelo ba kgang...’ Kwa morago ga ura a letsa gape. Lebaka ene ele go araba potso e ke moditseng yone kaga maikaelelo a gagwe go ya pele, mme a mpolelela ka maikaelelo a diphetogo tsa go simolola kgaratlho ya dibetsa. A bua ka ‘bokgutlho ba kgaolo’ mme are, ‘Ga ke bone, gore jalo ke bua ka nna, nka tswelela go bua ka kgotso le kganelo ya dikgoka ka mokgwa o ke bonang goromente a gatelela bipuelelo ba rona ba kgotso.’

Translated by Ikalafeng Maedi