Mandela le Dikgetho tsa 1994 ka ga Raymond Louw

© Eric Miller

Karoganyo ya kabo ya isagwe ee tshwanang

Mongwe le mongwe yo a buang ka dikgetho tsa 1994 tse di fetotseng Afrika Borwa go tswa go setshaba sa bokgokgontshi jo bogolo go nna setshaba se se senang kgetholla o kaya fa seo ene ele motlholo go ka diragala. Malatsi pele go dikgetho, dinokwane tsa maloko a sesole sa AWB, Afrikaner Weerstandbeweging (Afrikaner Resistance Movement) ba tsositse ntwa ya dibomo ee bolaileng le go golafatsa batho bale bantsi.

Ba ne ba leka go thibelela dikgetho, ka ga ba ne ba dibona ele matshosetsi a bokgutlho ba matshelo a bone le go nyelela ga bone mo setshabeng. Mandela le goromente ba gana go tshoga mme dikgetho dia tswelelapele. Le fa gole jalo, tlhaselo ya bone e bakile ditatlhegelo tsa maphelo le tshenyo ya meago e mentsi.

Dikgetho di tsweletsepele ka fa tlase ga tataiso ya mowa wa tirisanommogo le kutlwano magareng ga ditso tsotlhe. Ga go ise go nne le selo se se ntseng jalo mo Afrika Borwa pele. e ne o kare bantsho le basweu ba ne ba ipona boshwa mmogo, ka lekgetlho la ntlha ba arogana kabo ya isagwe ee tshwanang. Kamano ya ‘tlhogo le modiredi’ ee neng e ba tshwareletse sebaka sa disenturi e ne e bonala e nyelela jaaka o kare ga e ise e be e nne teng.

Dingwaga dile 30 tse di fetileng

Le fa ele gore nako e ene e tletse boitumelo, mopresidente Mandela o ka bo e se motho fa a paletswe ke go letlela mogopolo wa gagwe go nagana ka letsatsi leo dingwaga dile 30 tse di fetileng — fa a ne a eme kwa kgotlatshekelong ka tshimologo ya kgetsi ya gagwe ya molato wa ‘Tshenyetsso’ ee feleletseng e itsege ka ‘Rivonia Trail’.

Se ke nako e, mo kgotlatshekelong ee didimetseng, a baisa mafoko a gagwe, sebaka sa diura dile nne, a ntse a itse gore tshenyetso ke molato oo masisi, le gore se a neng a se bua, se ka feleletsa se bofile kgole mo molaleng wa gagwe le badirammogo ba gagwe. O weditse ka gore, “Ke lwele, kgatlhanong le kgatello ya basweu, ke lwele, kgatlhanong le kgatello ya bantsho.

Ke somaretse tumelo ya go bona setshaba sa kgololesego le tirisanommogo, kwa batho ba tla phedisanang ka kagiso le go bona ditshono tse di tshwanang. Se, ke toro e ke lakaletsang go e phelela le go e bona e diragala. Mme fela, morenaka, ga go tlhokega, ke tumelo e ke ikaeletseng go e swela.”

Translated by Ikalafeng Maedi

Nako-Tiragalo ya Matshwao a Bosetšhaba

MaAfrika-Borwa otlhe a tsere karolo mo ditherisanong tsa setšhaba go dira le go konosetsa tlhamô ya Matshwao a Bosetšhaba a rona a mantš...more