Malwetse a Metabolism mo Dikgomong tsa Mašwi

© Dr Jan du Preez

Malwetse a metabolism ga a tshelane mme gantsi a bakwa ke taolô e e bokoa ya kotlô. A runya gantsi fa go isa kwa nakong ya tsalô, fela bontsi jwa malwetse a metabolism a ka thibelwa ka taolô e e siameng ya kotlô.

Matshwao a Letshoroma la Mašwi mo Dikgomong tsa Mašwi

©Dr Jan du Preez
Letshoroma la mašwi gantsi le runya ka tsalô kgotsa malatsi ale 3 goya go 4 morago ga tsalô mo dikgomong tse kgolwane tsa tlhagiso e e kwa godimo. Gape le tllwaelegile thata mo letsopeng la Jersey gona le mo matsopeng a mangwe. Letshoroma la mašwi le bakwa ke kwelotlase ya tshoganyetso ya seêlô sa calcium (Ca) ya madi ka ntlha ya tlhagiso ya mašwi.
Ka paka e di omileng, dikgomo tsa mašwi di na le tlhokô e e kwa tlase ya calcium. Ka tsalô le moragonyana ga fao, ditlhokegô tsa kgomo tsa calcium di oketsega ka bonako ka ntlha ya tlhagiso ya mašwi. Fa tsêô ya sefepi ya calcium le yona ele kwa tlase, calcium e gololwa gotswa mo letlhotlholong. Fa tsamaiso enô ele bonya, hypocalcemia (letshoroma la mašwi) e a runya. E bitswa gape downer cow syndrome, ka ge dikgomo di itemogela go phutlhama ga mesifa, mme seno se di dire gore di rapalale.
Go na le magato a a itshupileng ale mararo mo letshoromeng la mašwi:
Santlha, dikgomo tse di amegileng di bontsha matshwao a tshisimogô e kgolo, letshogo, thebethô ya tsebe le go rapalala.
Sabobedi, dikgomo di rapalala ka matlase a dimpa, ka tlhogo mo letlhakoreng.
Saboraro, dikgomo di rapalala ka go patlama mme ga di bontshe tsibogo go setlhotlholetsi, di a idibala, mme seno se ise kwa losong.
Kalafo ya go sale gale e akaretsa moento wa mo tshikeng wa Ca. Dikgato tsa thibelo di totile phepô ya dikgomo tse di omileng.

Bloat mo Dikgomong tsa Mašwi

Bloat e bakwa ke go kokoana go go feteletseng ga mowa mo leleng la rumen la dikgomo. Gantsi, mowa ono o a potlwa. Bloat gantsi e runya fa dikgomo di fula mafulo a monawa, jaaka clover le lucerne ka dikgakologo. Dikgomo tse di tshwerweng ke tlala tse di kometsang mafulo a maša le tsona di mo kotsing. Meso e e nang le monyô mo tlhageng kgotsa malatsi a a diphefo ka maru a a thibeleng le tsona di amana le go runya.

Bloat e ka thibelwa ka go fepa furu kgotsa silage pele dikgomo di ya mafulong. Kgotsa fa gongwe, dikgomo di tshwanetse go nna kwa mafulong paka e khutshwane, e ka nna ura kgotsa di le pedi fela. Go gasa dikgomo ka sephepafatsi mo molomong morago ga go gamiwa go diriswa ka bophara mo dithulaganyong tse di ikaegileng ka mafulo kwa New Zealand. Ka ga go le lengwe, difepi-magwata di ka tsenngwa mo phepông ka bontsi.
Fa dikgomo di setse di na le bloat mme di le mo kgatelelông e e masisi, mowa o tshwanetse go ka ntshwa ka tiriso ya trocar (lomao lo lo kgethegileng lwa dintlhana tse tharo) kgotsa lomao lo lo sephara lwa letshoroma la mašwi. Lefelo la tlhabô le ka fa letlhakoreng la molema, bophara jwa seatla se se bulegileng fa morago ga legopo la bofelo, le sekgala se se lekanang ka fa tlase ga bokhutlo jwa dikgopo tse di khutshwane. Ngaka ya diphologolo e tshwanetse go tswalela mesegô mme e alafe ka selwantsha-megare go thibela mathata a mangwe gape.

Acidosis

Acidosis e bakwa ke dikgomo tse di jang phepô e e kwa tlase ka fibre e e dirang (sefepi-magwata) mme ele kwa godimo ka di carbohydrate tse di belang ka bonako tse di jaaka mmopo, korong le barley.
Seêlô sa boesiti sa seêledi sa rumen se fetofetoga mo pakeng ya diura di le 24. Acidosis e direga fa dielô tsa boesiti di nna godimo, mo pH e e kwa tlase ga 5.5. Seno se direga fa phepô e na le dielô tse di kwa godimo tsa di carbohydrate (mo difeping tse di loileng) tse di belang bonolo mme di tlhoka fibre e e dirang, sefepi-magwata. Ka ntlha ya seno, go otla (tlhafuno ya seotlwa) go a fokotsega, mme seno kwa morago se isa kwa kwelotlaseng ya bokgoni jwa boitshireletso jwa tlhagô jwa lela la rumen. Ka motsi wa go otla, boitshireletso jwa tlhagô bo a diragala gotswa mo matheng a a metswang.

Go thibela acidosis, lekanyetsa tsêô ya difepi tse di loileng mme o akaretse dintlhana tsa fibre e telele mo phepông. Fibre e telele mo phepông e rotloetsa kotlô morago ga phepô. Go akaretsa phepô ya sesireletsi e e rekiswang jaaka sodium bicarbonate (baking soda) mo dijong fa sefepi se se loileng se fepwa ka bontsi go ka fokotsa gape dielo tsa boesiti tsa rumen.

Translated by Nchema Rapoo