Loeto ka Dinao mo Robben Island

Tlhagô ya Boammaruri mo Setlhaketlhakeng

©Roger de la Harpe
Tsela e e gaisang ya go itemogela tlhagô ya boammaruri ya setlhaketlhake ke go tsamaya mo go sona. Ke ne ke le lesego go nêêlwa tshono ya go dira seno ka bonna, mme nka bua ke sena bana ba phefo gore mosepele wa me go dikologa setlhaketlhake e ne e le mongwe wa mesepele e meleele ya me e e putswang ka go gaisa mo botshelong jwa me. Se se latelang, ka jalo, ke tshobokanyô ya mosepele oo. Bodikologô ka botlalo go dikologa setlhaketlhake e ka nna 12km mme go ntsere diura di ka nna 4 go wetsa, ka motsamao o mosesane. Boalô go dikologa setlhaketlhake bo sephaphathi mme, ntle le mogote wa letsatsi, ke mosepele o o bonolo o o kgotsofatsang.

Mebila le matlo tse di didimetseng, ke fela halafo ya matlo a a nang le badudi, di beswa ke letsatsi jaaka baagi ka matoditodi ba ya kwa godimo le tlase. Gona le dijanaga di le mmalwa mo setlhaketlhakeng, mme ka metlha dipalangwa tsa badiri di tsamaisa batho go ralala setlhaketlhake. Ga jaana go na le batho ba le 150 ba ba dulang mo setlhaketlhakeng, mme ba bopa morafe o o matlhagatlhaga o o dirang ka botlalo. Gona le mokgatlho wa selegae o o emetseng baagi ba selegae (RIVA – Robben Island Village Association), ebile gona gape le lokwalo-dikgang lwa setlhaketlhake lo lo tlhagiswang gabedi mo kgweding lo lo bitswang, The Lighthouse.

Bana ba ba dulang mo Setlhaketlhakeng

©David Fleminger
Go tota go gakgamatsa go bona gore ke bana ba le ba kae ba ba dulang mo setlhaketlhakeng. Alice, yo eneng ele moamogedi wa me, o na le bana ba le babedi, mme o bua fa ele tikologo e e gaisang go ka godisetsa bana mo go yona. E babalesegile. E sireletsegile gotswa kwa tshenyegông ya setoropo ya lefatshe la segompieno. Mme e na le ditlabakelo tsa metshameko, sekolo sa bomapimpana le lefelo-bojelo la badiri (le baselegae ba santseng ba le bitsa The Mess). Setsha sa sekolo ke lefelo le le modumo la boitumelo, mme lekadiba la go thumela (le le feletseng ka motlhokomedi wa mo metsing) le phela le tlhanasela.

Fela go ka tswa go le bodutu, go le bonosi – jaaka morafe mongwe le mongwe o monnye o ka nna. Fela, mo bosigong, fa phefo e simolola go foka, setlhaketlhake se fetola tebego ya sona mme se a poka. O mongwe wa bana ba selegae ebile o ne a leka go ntshosa ka dikgang tsa dipoko tse di sasankang le mebila e e fifetseng. Ke ne ke tota ke mo dumela. Fa gona le lefelo le le lengwe mo lefatsheng le le pokelwang ke masaikategang a maloba, e tshwanetse go nna Robben Island. Mo bosigong joo, fa ke rapaletse mo dikobông, ke le nosi mo legaeng la baeng, ke ne ke akanya fa ke utlwa motsamao wa mongwe ka fa ntle ga letlhabaphefo la me.

Kwa ntle ga motse

©David Fleminger
Kwa ntle ga motse, selo santlha se se tsayang maikutlô a gago ke tebego. Fale, go ralala mosêlê, go eme Table Mountain le bomorwarre ba yona botlhe, ba kgabile ka bogosi jwa bona. Ba lebega ba le gaufi, fela ba le kgakala. Bogaufi jo eseng jwa nnete jonô, le Cape Town, e tshwanetse ya be e ne e le tshotlako go bagolegwa. Letlhakore leno la borwa la setlhaketlhake le tsamaiwa ka loeto lwa bese, fela o ka se itumelele pônô ntle le fa o ka iketla le go nwa mo tebegong. Ke dirisitse tshono ka botlalo ya manobonobo anô jaaka ke ne ka etela kampa ya Alpha One, matlhekge a sekepe sa Fong Chung, matlotla a bodulo jwa sesole, maiphitlho a a phuagantsweng a WWII, le mosima wa matlapa wa bogologolo wa Van Riebeeck (ga jaana o tletse metsi a matala mme o etelwa thata ke dinonyane tsa metsi).

Fa o tswelela go feta mo lefelong le bese e retogelelang teng gotswa kwa lôbôpong le go ya godimo kwa ntlo-poneng ya dikepe, o tlogela kwa morago karolo e e 'tlhabologileng' ya setlhaketlhake mme o tsena mo sekgweng sa lotshi lwa bokone-bophirima. Fano, tlhagô e letleletswe go ka itaola, mme sesupo se le nosi sa tsenelelô ya batho ke tselana ya matlapana e tshesane e e fetang go ithara le lôbôpo. Modumo wa lewatle o tlala mo temosing tsa gago, jaaka dinonyane tsa lewatle di phuthega ka bontsi jo bo oketsegang mo godimo ga majwe. Kwalata e fula ka setu mo tlhageng e telele fa thoko ga tsela, mme go nna-nosi ga gago go ka botlalo. Fela mosepele ga o nne bodutu. Gotswa mo sebakeng seno, o ka leba go ya tlase le lôbôpo lwa naga-kgolo: go simolola kwa City Bowl go ya kwa Sea Point, go tsena ka Camps Bay, go ikala le Twelve Apostles go fitlha kwa Hout Bay le Chapman's Peak – pônô e o kakeng wa e bona gotswa kwa lefelong le lengwe gape mo lefatsheng.

Mosetwana wa Boemela-Kepe

©David Fleminger
Sekgala se se khutshwane gotswa fao ke ntlwana ya dikepe le Baths of Bethesda e e phuagantsweng bogologolo, lekadiba la lekhubu mo go lona balepere ba neng ba kile ba tlhapa mo go lona mo metsing a a tsididi a a 'fodisang' a lewatle. Mosetwana wa boemela-kepe wa setlhaketlhake ga jaana o itharile ka go sa bonale fa morago ga mola wa ditlhare tsa Bluegum go ya kwa mojeng, jaaka lewatle le tswelela go bonagala ka fa mojeng. Fa pele ga gago ke lewatle le le bulegileng. Tidimalo e sisibetse. Gaufi le bogodimo jwa setlhaketlhake, o fitlha fa mosimeng wa bogologolo wa matlapa, mo bontsi jwa bagolegwa ba setlhaketlhake ba neng ba bogisetswa teng ka tiro e e popota e e robang mowa. Ditotoma tsa matlapa a a thubilweng, a kokoantswe go dira dithabana, di eme fa thoko ga mosima wa matlapa, sesupo sa nnete sa tiro e e neng e sena mosola ya bagolegwa ba pele.

Ka fa letlhakoreng la bokone-botlhaba la setlhaketlhake, diphinkwini di tsaya marapo. Mme go diketekete tsa dikopi tse dinnye tse. Ka fa batho ba sa bonale ka bontsi mo karolong enô ya lotshi, diphinkwini di a itaola. Di kgobakana fa metsi a felelang teng, di eme ka go tsepama mo matlapeng le go thabunyela mo makhubung. Gona gape le maiphitlho a le mmalwa a WW2 mo karolong e ya setlhaketlhake, a disitse ka loleya mosele wa Blouberg, jaaka dikepe tse di kgolo di kgabaganya mola mo tseleng go ya kwa boemela-kepe jwa Cape Town.

Motšhôtšhô wa sesole wa bogologolo o bonagala sentle go tlola ditlhare. Karolo enô ya setlhaketlhake e ne gape e le lefelo la metse e le mmalwa ya lepere, fela ga gona bopaki jo bo setseng jwa metse eo. Gotswa fa, ke mosepele o mokhutshwane go boela kwa boemela-kepeng le kgolegelo ya tlhokomelo e e kwa godimo. Mosepele wa setlhaketlhake o tsaya fela diura di se kae, fela o akaretsa dingwaga tse di fetang 500 tsa histori le tikologo e e sa senngwang ya tlhagô tse di totang di fepa mowa. Go tlile go go tsaya maikutlô.

Translated by Nchema Rapoo