Legapu

© Louise Brodie
Leina la tsa saense: Cucumis melo
Leina la Tlwaelo: Cantaloupe, Legapu, Legapu le le Sukiri, Legapu la Khubu kgotsa Spanspek

Semela se go rile se sa tshimologo kwa Borwa Bophirima Asia koo se neng se bidiwa Musk Melon ka ntlha ya monko o o monate fa se butswitse. Leungo le ne la tsenngwa kwa Yuropa mme ya reelwa ka Toropo ya kwa Italy e e bidiwang Cantalupo fao se neng sa jalwa morago ga dipeo di ne tsa tsenngwa go tswa kwa Armenia mo Mmusong wa Persia.

Go na le kgang e e kgatlhisang ka mo morago eo ba bangwe ba dumelang go nna tshimologo ya leina la Seaforikantse la legapu, spanspek. E rile go simologa go tswa Spaanse spek se se kayang beikhone ka Sesepeini. Mosadi wa ga Rre Henry (Harry) Smith wa kwa Speini, Mohumagadi Juana amria Smith (o ne a eletsa gore e bidiwe Harry), Mmusisi wa Botshelammogo jwa Kapa mo Bogareng jwa bo1800, o ne a tlhopha Cantaloupe kgotsa Legapu la Khubu ka dijo tsa gagwe tsa sefitlholo fa monna wa gagwe a ne a tlhopha mae le beikhone. Ka ntlha ya boswa jwa gagwe jwa Sesepeini tlhopho ya gagwe e ne ya bidiwa phitlholo ya “beikhone ya kwa Speini” ke badiredi ba bona.

Tlhaloso ya Semela

Sejalo sa legapu ke karolo ya lelapa la cucurbit. Magapu a mela mo morareng o o nang le diranki tse di phatlhaletseng mo mmung. Morara o ka nna wa tshegetswa ka ntlha ya mefuta ya magapu a mannye. Sejalo se na tsamaiso ya medi e e tseneletseng e e boteng e e phatlaletseng go ralala kgaolo e e khupeditsweng ka matlhare le merara. Se na le medi e e yang kwa tlase go ka nna dosentimetara tse di 30 go ya go 40. Ka jalo go botlhokwa go laola mefero le go nosetsa ka metlha ka fa medi e mentsi e neng e le kwa godimo disentimera tse di 20 go tswa mmung.

Ditiriso

Legapu ke leungo le le jewang le le foreše le le nosi. Gape le ka nna la didirwa matute kgotsa le kopantshwe le maungo a mangwe mo salateng ya maungo jaaka phuting. Dipahrologano tse dingwe di ka dinako tse dingwe di a omisiwa.

Ditlhokego tsa Mmu le go Baakanngwa

Ka dinako tsotlhe o tshwanetse go dira gore mmu wa gago o sekasekwe pele go netefatsa gore dikotlo tsotlhe tsa di kgolo le tse di kgolo tse di tlhokegang tse di leng teng mo mmung di ka lolamiswa pele ga go jalwa. Legapu le dira sentle mo motlhabeng wa serota go ya go mebu e e serotana. Diteng tsa mmopa tse di kwa godimo di kgoreletsa go gola ga medu le kgamolo. pH ya mmu e tshwanetse go nna magareng ga 6.0 le 7.

Dibeke tse di ka nnang di le robedi pele ga go simolola go jala tsenya difosofate tse di tlhokegang le llaeme go kgona go fetola pH le dilwana tsa tlhago jaaka monotsha kgotsa motshetelo, go tloga fao o leme tshimo ka boteng bo bo ka nnang disentimetara tse 60. Dibeke tse di ka nnag di le pedi pele ga go jala go baakanya lekidi la mmu o o fa godimo. Seno se dirwa ka go dirisa haraka ya diseke kgotsa diseke ya go thuba mmu kgotsa megoma go thuba godimo ga mmu le go tlosa mefero e simololang go mela. Fa e le gore go jala go tla nna makedi a a tlhatlositsweng kgotsa mebotwana tse di tshwanetse go rulaganngwa gape mo dibekeng tse pedi pele ga go jwala. Fa nosetso ya go rothusa e tshwanetse go tlhongwa ka nako e mme fa kobelo e dirisiwang e e adilwe mo mebotwaneng mo kgatong e.

Tlelaemete

Magapu a rata tlelaemete e e bothitho mme a dira sentle fa themphereitšha e e farologana fa gare ga 20°C go ya go 30°C mme fa themphereitšha tsa bosigo di ka nna ka fa tlase ga 15°C di kgethegileng. Kgolo e nna bonya thata fa themphereitšha e ya tlase gaufi le 10°C. Ka fa tlase ga 10°C tlhabololo ya maungo e amegile thata e tla nna le dipoelo tsa tatlhego ya kumo. Sejalo se tshaba segagane mme le dijalo tse di nnyane di ka go bolawa ke sona. Fa pula e na ka nako ya bofelo ya karolo ya go mela gape go ama kgonagalo ya go bolokiwa ga maungo. Gape gape e rotloetsa kgolo ya nngadule.

Mefuta ya Dijalo

Honeydew, Galia, Hales, Piel de Sapo, Imperial, Edisto, Eastern Shipper, Charentiars, Fargo le Carribean King ke tse dingwe tsa mefuta e e farologaneng mme go na le tse dingwe go feta.
Mefuat e e farologaneng e e gaisang mo kgaolong ya gago ya go uma go a thusa go bona kgakololo go tswa go motlhankedi wa katoloso wa gago kgotsa moitseanape wa peo wa selegae.

Translated by Lawrence Ndou