Leeks ka Kakaretso

© Louise Brodie
Leina la bonetetshi: Allium Porrum
Leina la Tlwaelô: Leek

Tlhaloso ya Sejalo

Leeks ke leloko la lapa le le lengwe le dieiye, mme le fa di arogana mengwe ya mekgwa-tiriso ya tlhagiso e e tshwanang le ya dieiye, ke dimela tse di boleta go ka tshwarwa le go rekiswa ka matsetseleko. Leeks di tlholegile kwa Asia bogare mme morago tsa tsamaela goya bophirima kwa Yuropa kwa di boneng serodumo jaaka morogo le go anama le lefatshe lotlhe. Leeks di na le bomolemô go na le dieiye ka ge di se na kgwele kgotsa segwere se se tshwanetseng go bopega kgotsa go butswa, mme ka jalo leeks di ka kotulwa le go jewa go simolola go sale gale mo tiko-kgolông ya tsona.

Ditiriso

Karolwana ya leek e e leng yona karolwana e e rategang thata ya sejalo ke thito e tshweu kgotsa shank. Fa sejalo se gola, karolwana enô e fela fa tlase ga boalô jwa mmu fao matlhare a leek a kokoaneng ka ngatana e e kitlaneng ya kgolokwe ya letlhare le le boleta. Fa di ntse di butswa matlhare a phatlhalala, a nna thata le go latlha tatsô. Leeks tse di nnye tse diša di ka jewa di feletse ka ge matlhare a tsona a santse a le boleta le go nna le tatsô.
Leek e a bediswa, e apewa ka mosi wa metsi kgotsa e gadikwa le go jewa ka boyona kgotsa mmogo le merogo kgotsa protein tse dingwe. Leeks tse diša tse di boleta di ka jewa gape di le tala mo disalateng. Leeks di tletse phôlô thata mme ke motswedi o o siameng wa vitamin A, C, E, K le calcium.

Ditlhokegô le Paakanyo tsa Mmu

Leeks di jalwa ka go atlega thata mo mmung wa phopholego e e mo magareng wa serokwa, o o tswang metsi sentle mme o humile ka ditswatsheding le dikotla. Mebu ya motlhaba e e magwata ga e matshwanedi ka ge dithoro tsa mmu di ka tshwarega mo gare ga matlhare a masweu a a tlhatlaganeng a a ka fa tlase ga mmu, mme ya a dira gore a tswe tatsô mme a se rekisege. Gape, mebu e e fifetseng ya phopholego e e bokete ya mmopa e na le go kgotlhela dithito tse tshweu tsa leek, ka jalo e tshwanetse go efogwa.
Tiro ya ntlha fa o simolola go jala sejalo sefe kana sefe ke go tsaya sampole ya kemedi ya mmu wa karolo e go tlilweng go lengwa mo go yona, mme o ise sampole gore e sekasekwe ke laboratory ya tlhatlhobo-mmu e e tlotlegang. Fa dipholô tsa disampole tsa mmu di amogelwa di tlile go supa se se tlhokwang fa go lebeletswe lime ya pH le dikotla tse dingwe le dielemente tsa tatediso tse di tlileng go tlhokwa go dira gore sejalo se atlege.
pH ya mmu e tshwanetse go nna magareng ga 6.5 le 7 mme fa mmu ole esiti thata kgotsa ole ka fa tlase ga pH ya 6, seelo se se tlhokegang sa lime ka jalo se ka tshelwa le go lemelelwa mo mmung go oketsa pH ya mmu. Seno se tshwanetse go ka dirwa bonnye dibeke di le robedi pele ga jalô. Tsamaiso enô ya temô e akaretsa gape masaledi a sejalo se se fetileng le sejalo-khurumetsa sengwe le sengwe se se tala se se ka tswang se jadilwe. Dibeke di le nnè pele ga jalô, tshela ditlhokegô tsa elemente ya tatediso jaaka Boron, Zinc le Manganese mmogo le mosutele kgotsa motshotelo mongwe le mongwe wa botswatsheding wa tlaleletso, mme o lemelele seno mo bogodimong jo bo fa 400mm jwa mmu.
Sela seno morago ka ege ya papetlatsheko go segelela gape le go lemolola mmu o o fa godimo go baakanya lefelo le le phepa le le lekalekanang go ka jalwa. Mo bekeng ya bofelo pele ga jalô ya matlhogela, tshela monontsha wa pele ga jalô mme o o lemelele ka ege ya papetlatsheko mo mmung o o fa bogodimong jwa 20 cm go baakanyetsa jalô. Temôlelo ya bofelo e tlile gape go ntsha mefero mengwe le mengwe e e ka tswang e simolotse go mela. Nosetsa lefelo ka bosesane pele o jala matlhogela.
Go jala ka tlhamalalo, lema karolo ya jalô ka ege ya papetlatsheko mo bekeng ya bofelo pele ga jalô go tlhagola mefero le go baakanyetsa moalô wa peo, fela ntle le go tshela monontsha wa pele ga jalô, mme o jale dipeo mo mmung o o omeletseng le go nosetsa ka bosesane morago ga go jala dipeo.

Bosa

Leeks ke dimela tsa bosa jo bo rurufetseng mme di gola bontle mo dithemphoritšhareng tse di simololang go 12°C go fitlha go 25°C. Ga di a siamela go ka tlhogiswa mo dithemphoritšhareng tse di fetang tseno. Fa dithemphoritšhara di feta tseno, leeks di tlile go butswa le go thatafala ka potlako, mme seno se di dire gore di se kotulege.
Leeks di kgonana le segagane, fela bosa jo bo tsididi go feta bo tlile gape go diegisa kgolô mme seno se ame ntshô le boleng jwa leek.

Mefuta

Mo malobeng, e ne fela ele mefuta ele mmalwa e megolo ya leek e e neng e tlhagisetswa kgwebo. Mo nakong enô go na le mefuta ele mentsi e meša e e akaretsang mefuta-tswakwa e e golelang ka bonako le ka nonofo, mme enô e tsaya maêmô a mefuta ya tlwaelô.
Go na le mefuta e e fetang 100 mme tsela e e gaisang go sweetsa gore go jalwe ofe ke go senka kgakololô ya motlhankedi wa tsa temô wa selegae le ya mogwebi wa dipeo ka ga mofuta o o gaisang wa tikologo e e rileng. Go botlhokwa gape go bona kgakololô e e amanang le mmaraka gotswa kwa moreking wa setlhagiswa.
Mefuta mengwe e e tumileng ke: American Flag, Armore, Atal F1, Bulgarian Giant, Carentan, Dawn Giant, Italian Giant le Musselburg.

Translated by Nchema Rapoo