Dikgang tsa Bonkoko – Go Latlhegelwa Ke Ba O Ba Ratang Ka Ntlha ya HIV-Aids

© Eric Miller
Goldie Qayiya le monna wa gagwe Otto, gotswa Khayelitsha, ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo ka ga mogare wa HIV. Le fa gontse jalo, o tsere matshelo a bana ba le babedi ba bona. Thumela le Vusi, morago ga morwa o mongwe. Go tsere nako, fela Goldie kwa bofelong o bone tsela ya go samagana le kutlôbotlhoko ya gagwe. Bontlhabongwe jwa kgang ya gagwe ke jonô.

Modira ka Natla

Ke ne ke thapilwe jaaka mophepafatsi ke batho ba ba tsamaisang Blouberg Homes, bothati jwa barologanyi jo bo abelang batho matlo go ka a renta kwa Bloubergstrand. Ke dirile teng dingwaga di le tlhano, ke dula kwa ntlong ya rona kwa Khayelitsha, fa monna wa me a ne a tlhokomela ntlo ya rona kwa Transkei.

Thumela o ne a tle a thuse kwa Blouberg Homes mme e ne e le modira ka natla. Fa mothapi wa rona are, ‘Phepafatsa gotlhe mme o aene disheti’, re ne re fetsa diura di le dintsi pele ga nako, le fa re ne re dira mo ntlong e kgolo tota. Thumela o ne a sa tshabe tiro e e tlhokang maatla.

Ka Seetebosigo 2000, fa a ne a le dingwaga di le 30, re ne ra ya kwa bookelong mmogo ka gonne o ne a simolotse go lwala, mme o ne a dira teko ya HIV. Re ne re santse re sa tlhaloganye gore HIV enô e ama motho jang. Re ithutile tseno tsotlhe fa nako e ntse e tsamaya, ka gonne teko e supile fa Thumela le ênê a na le HIV. Morago fela ga dingwaga di le pedi morago ga go tlhatlhobiwa, o ne a simolola go lwala thata.

Fa a fitlha mo legatong la bone, o ne a otile ebile a le bokoa thata go bonala gore o a swa. Go tsere fela kgwedi gotswa mo nakong e a neng a lwala thata pele a ka tlhokafala. Ke ne ke ntse ke mo tlhapisa, ke mo fa melemo le go mo fepa, ka gonne o ne a le bokoa thata go ka kuka le leswana tota. Ke selo se se thata, go oka ngwana wa gago yo o swang.

Fa dilo di nna masisi thata, re ne ra mo isa kwa bookelong jwa Groote Schuur mme fa dingaka di re bolelela gore o tlile go tlhokafala e se kgale, re ne ra mo isa kwa logaeng lwa tlhokomelo kwa bookelong jwa Conradie. O ntse koo dibeke di le pedi mme ka Mopitlwe 2002, o ne a tlhokafala.

Ke Ne Ke Le Teng

Nna le Otto re ne re le kwa Cape Town fa Vusi a simolola go itemogela mofikela o montsi, mala a a botlhoko le go opwa ke tlhogo go go sa siamang. Re ne ra mo isa kwa bookelong jwa Groote Schuur, mme morago kwa bookelong jwa GF Jooste. Ngaka e ne ya re bolelela fa a na le HIV, le fa re ne re ise re tlhaloganye gore seo se kaya eng.

Ngaka enô e ne e tswelela go bua kgapetsa kgapetsa ka ga kalafi e ntšha e e tlang, e e tlileng go thusa Vusi go fola. O ne a fiwa dipilisi dingwe le molemo wa TB, mme mo lobakanyaneng o ne a nna botoka.

Ebile o ne a boela tirong. Fela dikgwedi di le thataro morago ga fao o ne a lwala gape. Ke ne ka mo tlhokomela, mme ke ne ke le fa thoko ga bolao jwa gagwe fa a tlhokafala.

Translated by Nchema Rapoo