Lala Palm
Molala

© Roger de la Harpe

Leina

Molala

Leina La Se-Latin

Hyphaene coriacea

Thanololo

E bidiwa Molala fa gae, ditlhare tsa palema tse kgolo gantsi di gola boleele jwa 7m, fela nako dingwe go fitlha boleele jwa 15m, ka thitô e le nngwe kgotsa go feta, thitô e kokomogile go le go nnye go ya fa gare. Setlhare seno se fitlhelwa kwa dikgweng tse di botlase le dikgwa tsa lobopo, gantsi di ema ka bontsi. Matlhare a bopegile jaaka fene mme a botala jo bosetlhana. Maungo a lekana le kgwele ya tennis, mmala wa ona ga a butswa o motala mme o nne wa namune go ya go borokwa jo bo tseneletseng.
Thôtse e dikaganyeditswe ke moalo o mosesane wa sethugwa se se tswina ya tatso ya gemere mme e tobetsega e le ditselana. Maungo a tswa ka bontsi, go ya go 2,000 ka setlhare, lengwe le lengwe le tsaya ngwaga di le pedi go ungwa mme le tseye gape ngwaga tse dingwe di le pedi go wela fa fatshe.

Leungo

Leungo le a farologana go ya ka tikologo, fela ka kakaretso le botala go ya go mmala wa namune o o tswapogileng kwa ntlheng, mme le fetogele go borokwa fa le ntse le gola, fale le fale popego ya lona ke ya piere, ka bophara jo bo ka nnang 60-80mm, ka monkgo wa leungo o o itshupileng. Letlapi le bophatsimo ebile le thata. Ka mo gare sethugwa se se jegang mme se tobetsega sena le ditselana se dikaganyetsa thôtse e le nngwe. Topopeo e e thata, e e tshwanang le vegetable ivory, e phatlha mo gare. Maungo a tsaya ngwaga di le pedi go ungwa mme a tseye gape ngwaga tse dingwe di le pedi go wela fa fatshe. A tsewa fa fatshe ke ditlou, dikgabo le ditshwene.

Ditiriso

Mašwi a a mo leungong le leša a tshwana le a coconut ka tsatso le mmala. Ditlou di ja matlhare a a fetsang go tlhoga, a a gautsêgang kwa thitông mme a na le tatso ya coconut e e itumedisang. Pelo ya korone e jewa jaaka morogo mme e bidiwa 'gau' kwa Delta. Sethugwa sa leungo se tshwana le senkgwe sa gemere. Go ntsha sethugwa, letlapi le le thata le betswa ka thobane. Sethugwa sena le tatso mme se jewa thata ke ditlou le ditshwene. Dipalema tseno di diriswa go feta selekano jaaka motswedi wa mofine mme ka maswabi di le dintsi di a bolawa ka ntlha eno.
Dipêolwane tsa dipalema di amanngwa le palema eno. Di ka bonwa di dira dintlhaga tse di tsepameng ka fa tlase ga matlhare. Nonyane tseno di tlile ka mokgwa wa tsona fela wa go thibela mae go wa, ka go a mataretsa ka mathe. Mooko o o thata wa thôtse, o o tshwanang le vegetable ivory e e rekiswang ya kwa Amerika Borwa, o monnye thata gore o ka tsenya boleng mo moruong le fa gantsi o diriswa go betla dikgabisi le dibeolwana.

Di fitlhelwa

E mela kwa Zimbabwe, Angola, Botswana, bokone jwa Transvaal le Namibia.

Dintlha Tlhagiso

Molala o itsege gape ka leina la Vegetable Ivory Palm ka ntlha ya thapo ya ona e e thata e tshweu e e lebegang jaaka ivory. Dithapo di phatlhalatswa ka go anama ke boloko jwa ditlou tse di kgarakgatsegang.