Hermit Crab

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Hermit crabs

Leina la Maranyane

Paguroidea

Semeto

Botelele ba mmele bo ka nna 1-20cm.

Ponalo

Mpa e bonolo e e ifitlhang mo dikgapheng tsa dikhapha tsa dikgopa tsa lewatle. Mmele wa yone otlhe o ka gonyela mo sekgapheng seo. E na le dipara di le tlhano tsa maoto. Para ya ntlha ya kwa pele e na le dilana kgotsa di’claws. Tse dingwe di ka dirisa di’sponges kgotsa di’anemones go kgabisa sekgapha sa yone gore se seka sa bonala bonolo (camouflage). Mmala oa farologana go tswa go brown, red, orange, white, blue le black e ka bonwa. Tse dingwe di na le di’stripes le ditsubaba mo maotong a tsone.

Dikitsiso

Lelapa la Paguroidea le na le malapa a le 6 ka mephato e le 68. Di anama le di’crustaceans. Leina la tsone le bonwa kwa mokgweng wa tsone wa go nna mo dikhapheng tse di latlhilweng. Fa e ka tshosediwa e tsena mo sekhapheng ka botlhalo mme o ka se e bone. Di ka phela lobaka lo lo leele thata. O ka di bona mo lefatsheng di tswile mo metsing, le mo metsing a a senang letswai le mo metsing a lewatle. Di tsala ka go tshollela mae a tsone mo metsing gore e tona e a nonofatse ka peo ya yone. (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka, diboko, plankton.

Anamiso

E bonwa mo metsi a a didimetseng a mawatle a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Anemone hermit crab - Dardanus pedunculatus
Stareye hermit crab - Dardanus venosus
Wolf hermit crab - Aniculus maximus