Go Tsoma Jaaka Bolaodi ba Bobatana

©Roger de la Harpe
Go thuntsha sebatana tota go tshwanetse go tsewa jaaka tiriso ya bofelo fa o tshwaragane le bobatana mme e supilwe mo disenying tse di dirang tshenyo e e rileng. Ke kgatlhanong le molao go bolaya kgotsa le go tshwara mefuta e e rileng ya ditshedi kwa ntle ditumelelo tse di tlhokegang, mme balemirui ba tshwanetse go netefatsa gore ba na le tetla e e tlhokegang ya go tsoma diphologolo tse. Ba tla tlhoka gape le go dirisa ditlhobolo tse di leng mo molaong.
Go bona dipholo tse di gaisang, motsomi o tshwanetse go nna mothunyi o o dirang sentle le molatela motlhla yo o leng moitseanape wa bolodi ba bobatana. Bathunyi ba ba bokoa ba tla gakatsa mathata. Go tsoma le gona go tshwanetse go simololwa ka bonako jo bo kgonegang morago ga tiragalo ya bobatana e diragetse, go tlhomamisa gore phologolo e e molato e a tsomiwa.
Motheo wa Letshwaonaga mo go yona Dibatana mo Diruiweng tse di mo Dipolaseng, a Kaedi ya Tiragalo ya Botsamaisi ba Balemirui ya Tlhoka Kotsi, e e Feletseng ya Tikologo le Maitsholo a a Amogelesegang, e tsibosa balemirui kgatlhanong le tlwaelo ya go duela motsomi wa seporofešenale ka tlhogo nngwe le nngwe ya sebatana se se bolailweng, ka ga se se tlhotlheletsa batsomi go bolaya dibatana di le dintsi ka moo go ka kgonegang mo boemong jwa go bolaya tse diphologolo tse di dirang tshenyego. Mme go bolaya ka go sa kgetholole diphologolo go ka kgoreletsa le dithulaganyotatelano tsa setlhopha mme se se feletse ka mathata a a feteletseng.

Go Tsoma Bosigo

©Roger de la Harpe
Go ya ka Kaedi ya Botsamaisi ba Bobatana, go tsoma bosigo go dira sentle thata, ka gonne go lebelela mefuta ya ditshedi tse di rileng mme o ka dira ka bonako fa go na le bothata. Maiteko a tshwanetse go tsewa go tota fela diphologolo tse di tlholang tshenyo mme ba se thunye diphokoje tsa ditsebe tsa mamanthane, diphiri tsa mosima kgotsa Dikatse tsa naga tsa Seaforika. Dipone tsa metlhotlho e khibidu di kgona dira go gaisa jaaka dipone tsa go senka. Dipone tse ditshweu di tla dira gore diphologolo di nne kelotlhoko le go benyabenya.

Go Tsoma go tswa mo Helikopetareng

©Roger de la Harpe
Balemirui ba tshwanetse go netefatsa gore ba na le ditetlelelo tse di tshwanetseng fa ba batla go tsoma go tswa mo helikopotareng, fa e sale melao e e farologaneng e dira mo diporofenseng tse di farologaneng. Fa go tsoma go tswa mo helikopotareng go ka dira segolo thata mo mafelong a sa fitlhelegeng bonolo le mo kgaolong e e phatlaletseng, ke tsereganyo ya tlhwatlhwa e e kwa godimo thata.

Go Tsoma ka Dintšwa

Dintšwa di tshwanetse go dirisiwa fela go sala motlhala mme di ka se bolae kgotsa go nna le kgolagano le dibatana ka mmele. Dintšwa di tshwanetse go katisiwa sentle le go tsamaisiwa go netefatsa gore ga di tlhole tshenyo mo diphologolong dingwe le dingwe ya diphologolo fa di ntse di sala mtlhala wa dibatana.
Kaedi ya Botsamaiso ba Bobatana e gakolola balemirui go tshola dintšwa mo dikgoleng go fitlhela phologolo ya setotwa e e bonalang le go golola dintšwa go tabogisa setsongwa. Dintšwa le tsona di tshwanetse go tlhokomelwa sentle ka gore, di seke di a sala diphologolo tsa naga morago mme di seke tsa di tsoma ka ntlha ya gore ba na le tlala. Ka dinako dingwe dintšwa di bofiwa melomo go netefatsa gore ga di tlhole tshenyo epe.

Go Tsoma mo Godimo ga Dipetsi

©Shem Compion
Batsomi ba fitlhelela bokgala bo bogolo thata go sala metlhala ya diphologolo mo godimo ga dipetsi go feta ka maoto, bogolosegolo mo dikgaolong tsa motlhaba tsa kwa Kgalagadi. Gape ba tla kgona gape go dirisa dintšwa go ba thusa go sala motlhala wa diphologolo.

Translated by Lawrence Ndou