Go Tlhokomela Dibatana tsa Gago

©Shem Compion
Fa dibatana di neng di bonwa e le “mmaba” o o tshwanetseng go senngwa ka gotlhe gotlhe, balemirui ba mo malatsing ano ba lemoga gore kwa ntle ga go thusa go dira gore go nne le tekatekano ya tikologo, dibatana tsa boagi tota di kgona go thusa go thibela tatlhegelo ya loruo. Patlisiso le yona e supile gore polao ya dibatana ka go sa tlhophe go thibela tatlhegelo ya diruiwa go ka diragala go se atlege, e feleletse mo mefuteng yotlhe ya “mathata” a mangwe le ditlamorago tse di golaganeng.

Ka jalo, mo boemong jwa go tshola dipalo tsa dibatana tse di kwa tlase ka ntlha ya mekgwatiriso ya bolaodi ba go se tlhophe, balemirui ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo mekgweng ya go lema ka kutlwano le dibatana tsa boagi mme ba tote fela bone bangwe ba ba tlholang tatlhegele e e tswelelang ya diruiwa.

Taolo ya Tikologo

©Roger de la Harpe
Lebaka le le lengwe gore go siame go tlhokomela dibatana tsa bonno, ke gore bontsi jwa dibatana ke tsa tikologo. Go nna teng ga tsona, ka fao, go thusa go tshola dibatana tse dingwe kwa thoko, ka fao, go tswa mo lefelong la gago.

Bogolo jwa tikologo bo farologana go tswa mo mofuteng o mongwe go ya go o mongwe mme gape e ikaegile ka go nna teng ga dijo. Nkwe e e busang e ka nna le tikologo e e botsamao bo bo ka nnang 10 000 ya diheketare, le tikologo e e fetelelang tikologo ya tshegadi e le nngwe. Jaaka fa dinkwe di gaisana ka tlhamalalo le caracal ka dijo mme di tsoma diphokojwe, go tlosiwa go tswa lefelong, gantsi go feletsa mo bophokojweng ba mekokotlo e mentsho le dipalo tsa caracala.

Baeteledipele ba ba Siameng

©Shem Compion
Ntlha e nngwe gape go tlhokomela dibatana tsa gago tsa boagi, ke gore go tlosa phologolo e e busang go ka tlogela phatlha mo thulaganyotatelanong ya setlhopha. Phatlha e ka tladiwa ke mošwa o a senang maitemogelo kgotsa mokgaphelwa thoko o o tsofetseng, o gantsi a nang le dikgaolo tse dinnye, tse di kitlaneng thata mme go ka diragala gore di ka nna magodu a diruiwa, go ya ka Dibatana mo Diruiweng tsa mo Dipolaseng, a Kaedi ya Tiragalo ya Botsamaisi ba Balemirui ya Tlhoka Kotsi, e e Feletseng ya Tikologo le Maitsholo a a Amogelesegang, e kwadilwe ke Bool Smuts ka 2008.

Go tlosiwa ga Dintšwa tsa Seaforika tse di Tlhaga, sekao, ga e tsamaelane fela le koketsego ya bophokoje le mathata a caracal, mme gape di ka isa mo bašweng Dintšwa tsa Seaforika tse di Tlhaga di sa ithute go tswa go bagolo ba tsona go tsoma sentle mmedi fetogela mo diruiweng jaaka motswedi wa dijo tsa tsona.

Go nna le boagi le caracal e e busang e e seng “legodu” la thoto, le yaona e supilwe jaaka nngwe ya ditsela tse di botoka tsa go tshola caracal le dibatana tse dingwe kwa ntle.

Ditlamorago tse e seng tsa Maitlhomo

©Shem Compion
Bolaodi bo bo bokoa ba dibatana tse di senyang di ka palelwa ka ditsela tse dingwe. Patlisiso e fitlhetse gore pogiso ya bophokojwe ya mokokotlo o montsho, sekao, go tla feletsa ka bogolong ba setšhaba sa tse dinnye le monono. Ka jalo, mo boemong jwa go tshola palo ka fa tlase ga taolo, pogiso e ka tlisa penologo ya setšhaba.

Motheo wa Setsongwa sa Tlhago

Kgaisano e e tlhatlogang ya dijo ka ntlha ya tlhabololo ya tsa temothuo, toropofatso le komelelo di na le boamo bo bo sa siamang tsa metheo ya dijo e e leng teng go dibatana mme gantsi e feleletsa dibatana di fetogela go diruiwa jaaka dijo. Go thibela seno go diragala, balemirui ba tshwanetse go tlhokomela polase tsa bona gotlhelele, go netefatsa gore go na le naga ya tlhago kgotsa lefatshe le le lekaneng go tshegetsa setsongwa sa tlholego sa dibatana mme gape ka go tshola diruiwa tse di mo matshosetsing kwa ntle ga tsela ya Dibatana.

Translated by Lawrence Ndou