Go Runya Ga Lepere mo Robben Island

Kgolegelo go ya go Kôkêlô

©David Fleminger
Robben Island e ne ele lefelo le le siameng go romela batho ba malwetse a tlhaloganyo, ba ba koafaditsweng ke malwetse le ba malwetse a a sa foleng go dula kwa teng, ka fa ba ne ba tla hutsafatsa baagi ba Afrika Borwa ba ba itekanetseng. Go phuaganya batho ba ba seng lesego banô mo setlhaketlhakeng, kgakala le matlho le dikakanyo tsa setšhaba, go ne go lebega fa ele tharabololo e e siameng mme, go tloga ka 1846 go fitlha 1931, Robben Island e ne ka bogolo e diriswa jaaka lefelo la tlhaolô la batho ba ba sa batlweng ke morafe.

Mo bogareng jwa bo-1800, lepere le runtse. Balepere, ba ka bontsi e neng ele bantsho le batlhoki, e ne ele setlhopha se se madimabe. Santlha, e ne ele batswa-setlhabelo ba bolwetse jo bo maswe thata (jo ka nako eo bo neng bo sena pheko e e itsiweng) mme, sabobedi, e ne ele batswa-setlhabelo ba morafe o o senang kitso le boitswarelo o o ba itlhokomolositseng ka go ba kaya fa ba le leswe ebile ba le kotsi. Le gompieno, kitso e e tlwaelegileng ka ga lepere e bo kaya jaaka bolwetse jo bo kotsi thata mme bo tshelana, jo bo dirang gore menwana ya gago e wele fa fatshe mme letlalo la gago le bole. Mo bonneteng, fela, ga bo tshose go le kalo.

Mo Robben Island, batlhokomedi ba Kôkêlô Kakaretso ba tlhokometse balepere ka fa ba neng ba kgona. Mo tlaleletsong ya go ba neela diberekisa-mala tse di maatla tse di sa tlhokagaleng, go ne go akanywa fa metsi a lewatle a le mosola go ba ba tshelang ka bolwetse, mme lekadiba la makhubu le ne la agwa kwa letlhakoreng le le kgakala la setlhaketlhake, mo ba neng ba ka tlhapa teng. Masaledi a lekadiba leno, le le bitswang Baths of Bethesda, a santse a bonala le gompieno, mme metsi a mantsho a a emeng ka mo gare ga lebota la letlapa le le sugaganang ke modumo-ipoêlêtsa o o maikutlô wa morafe o o sa itumelang. Balepere ba Kapa ka jalo ba ne ba kgaoganngwa le balolapa le ditsala dingwe le dingwe tse ba ka tswang ba ne ba na le tsona, mme ba phuaganngwa mo setlhaketlhakeng.

Maemô a Botshelo mo Setlhaketlhakeng

©David Fleminger
Maemô a botshelo mo setlhaketlhakeng a ne a le bosula. Metsi a ne ale letswatsana, seêmô sa bosa se ne se sena kutlwelo-botlhoko, bodutu bo ne bo fekeetsa mme malwetse a a jaaka dysentery a ne a tlwaelegile.

Fela ka bo-1850, magwategwate a le mmalwa a ne a runya ka ga maemô mo setlhaketlhakeng, mme balaodi ba ne ba patelesega go leleka motlhokomedi-mogolo. Ka bo1860, motlhokomedi-mogolo yo montšha o ne a leka go tokafatsa tlhokomelo ya ditsenwa, ka go fedisa diketane le thupa, le go tsenya tirisong kalafô e e tlhabologileng le tlhokomelo e e botho. Fela ditlamêlô di ne di santse di le bokowa, mme seêmô sa balwetse se ne se sa tlhotlheletse tlhwatlhwa ya go aga dikagelelo tse di ntšha. Ditlhabololo tsa ntlha tse di kgolo tsa Kôkêlô Kakaretso di dirilwe fela ka bo-1890.

Ka 1931, League of Nations Health Organisation, e kaile fa tlhaolô ya pateletsô ya balepere e sa tlhole e tlhokagala, mme mo boemông jwa yona go tsenngwe tirisong molawana o o sa gagamalang wa 'tlhaolô' o o letlelelang dikgetse tsa bolwetse mo go nang le tshwaetsano le mo go senang tshwaetsano. Botshabelo jwa lepere mo Robben Island bo ne ba tswala mo go ona ngwaga oo. Balwetse ba ba setseng ba ne ba romelwa kwa Westfort Hospital, gaufi le Pretoria.

Translated by Nchema Rapoo