Go Dira Gore Kgomo e Duse

© Chris Daly

Bolemirui jwa tsa mašwi ke tsamaiso e e tswelelang ya dikgomo tse di tsalang, di tlhagisa mašwi mme di duse gape. Go tshola selekanyô-tlwaelo se se kwa godimo sa taolô ya tsadiso, letlha le le solofetsweng le le latelang la tsalô le tshwanetse go nna ka fa tlase ga dikgwedi di le 13 gotswa mo letlheng la ga jaana la tsalô. Fa nako-magareng ya tsalô (nako e e mo magareng a matlha a tsalô) ele telele, e fokotsa ntshô-mašwi ya motlhape fa e ntse gape e diegisa tswelopele ya bosemadi ya motlhape.
Ntshô-mašwi e e kwa godimo le dinamane tse di ntsi tse di tsalwang ka ngwaga ke dingwe tsa dipoelo tsa moruo tsa taolô e e siameng ya tsadiso.

Kgwedisô ka Seatla mo Dikgomong tsa Maswi

Go dira gore dikgomo di duse, tirelo ya tlhagô (poo), e ka diriswa. Fela, mo metlhapeng e mennye go tshola poo go tlhwatlhwa-godimo mme gantsi go baka mathata a taolô. Di ka nna dikgoka, mme tsa tlhoka go bewa ka go kgaogana mme gape di tlhoka go ka fepwa.
Mo godimo ga fao, ka go dirisa poo ele nngwe ka nako tsotlhe, tswelopele ya semadi e lekanyeditswe. Mo malatsing a ‘maloba’, dipoo di ne di aroganngwa magareng ga barui, fela seno se ka baka gore malwetse a tsadiso a aname mme dikgomo tsotlhe ka jalo di nna moopa. Ka ntlha ya seno kgwedisô ka seatla (AI) ya dikgomo ene ya tlhangwa.
Kgwedisô ka seatla ka kakaretso e tlhwatlhwa-tlase gona le tiriso ya poo. Ke mokgwa o o bonolo o o akaretsang tsenyô ya semen e e tshelang ka nako e e siameng le mo lefelong le le siameng ka mo gare ga karolwana ya mapele a dikgomo tsa mašwi gore di duse. Kgwedisô ka seatla ya dikgomo ke mokgwa-tiriso o o tlwaelegileng mo metlhapeng ya kgwebo ya tsa mašwi. Tswelopele ya semadi e kwa godimo fa go diriswa AI. Seno ke ka gonne semen gotswa kwa motseletseleng wa dipoo wa lefatshe ka bophara o teng ka tlhwatlhwa e e kwa tlase gona le gore o tshole poo.
Fela, ka AI, seêmô sa go tsala sa dikgomo tsa mašwi se ikaega ka bokgoni jwa batho go lemoga fa dikgomo di le mo kgotelông ya tsadiso. Ba tlhoka gape go itse go tsenya semen mo nakong le mo lefelong tse di tshwanetseng gore go dusa go diragale. AI e rutwa mo dithutong-khutswe tsa malatsi ale 2 kgotsa e ka ithutwa gotswa mo ngakeng ya diphologolo. Ditlamo dingwe tse di tlamelang semen ya poo, di neelana AI jaaka tirelo ya tlaleletso, mme dingaka dingwe tsa diphologolo di ka dira gape AI.

Translated by Nchema Rapoo