Eastern Rock Elephant Shrew
Shrew ya letlapa ya Tlou ya kwa Botlhaba

© Shem Compion

Leina

Shrew ya letlapa ya Tlou ya kwa Botlhaba, kgotsa Sengi ya letlapa ya kwa Botlhaba [elephantulus myurus]

Popego

Palogotlhe ya boleele jwa mmele wa Shrew ya letlapa ya Tlou ya kwa Botlhaba ke dimilimetara di le 260 le mogatla e telele go feta boleele jwa tlhogo le mmele, boima jo bo ka nnang digeramo tse 60. Mogatla ga o a tlala boboa jaaka Shrew ya letlapa ya Tlou ya Smith. Matlho a dikaganyeditswe le lebanta le le sweu.

Dijo

Shrew ya letlapa ya Tlou ya kwa Botlhaba ke e ditsenekegi tse di nnye jaaka ditshoswane le motlhwa. Mo gareng ga letsatsi e e, ikaegile ka meriti, mo go yona e kgona go tantabela go tshwara motswasetlhabelo wa yona.

Pelegiso

Le fa e le seamusi se se nnye jaana fela e na le paka e telele ya go dusa, e ka fitlha dibeke di le robedi. Fela morago ga tsalo tse di nnye di tlhaga di kgona go ijesa, di na le bobowa jo bo feleletseng le matlho a bulegile. Tse di nnye di kgona go tsamaya ka bonako fela morago ga pelego. Gantsi ditshadi di tsala mafatlha a a mabedi ka dikgwedi tsa selemo sa dipula (Lwetse go ya go Mopitlwe). Tse di nnye di ba di itekanetse go tlhakaneal bong jaak ae tona le e tshegadi kwa morago ga dibeke di le thataro, ditrshadi di kgona go tsala ga mmalwa mo tsamaong ya botshelo jwa yona.

Maitsholo a yona

Shrew ya letlapa ya Tlou ya kwa Botlhaba ke lona, gantsi e nna matlhagatlhaga mo garegn ga letsatsi mme ka dinako dingwe ga e kgete nako, kgotsa le fa e ka nna tsa bosigo bo bo phatshimang ngwedi. E tshela e le nosi ka bonno, mme e ka bonwa ka ditlhophana tsa pedi, kwa ntle fa e kete ke nako e e tshwanetseng go tlhakana le e tona ka bong mme e matlhagatlhaga ka nako eo, e bonako e bile e gata ka maikaelelo mo tikologong tse di seng sephara.
Fa di tshusitswe di bua ka go letsa moropa ka go kata ka maoto a tsona le go kua mekgosi ka motseletsele wa selelo se kwa godimo mme morago o be o ya o kwa tlase go fitlhela o sa tlhole o utlwala. Ka nako eo ya go kua mokgosi molomo o nna o o bulegileng, tlhogo e tsholetswe kwa godimo le e nko e telele e bo e le legoro e lebelstse kwa morago. Dikgeleswa tsa monko di ntsha seo e nnang karolo ya thulaganyo ya tlhaeletsano. Dikgeleswa tse di iphitlhile mo kgaolong ya tsa molomo, mo morago ga ditsebe le mo botlaseng jwa mogatla.

Di fitlhelwa kwa kae?

Shrew ya letlapa ya Tlou ya kwa Botlhaba e phasaladitswe thata mo Aforikaborwa, le mo Porofenseng ya Bokone Bophirima, porofenseng ya Bokone, Gauteng, Mpumalanga, Foreisetata, Bokone ba Porofense ya Kapa Botlhaba le Bophirima le kwa dithabeng tsa Kwazulu Natal le kwa Lesotho. Shrew e ya tlou e e tlwaelegile mo dikgaolong tse dintsi mme a se e tshosetsweng, le fa gantsi di iphitlhela di le nosie le ka ntlha ya go bona manno. Di rata ditikologo tse di matlap a a latlhilweng le mo dikgwaneng tse di tletseng go di naya polokesego le tshireletso go tswa go diniga le digagabi tse dingwe. Ditlhopana tse di nnye di a tshela mo dikgweng tse di bulegileng, mo dithabaneng, mo matlapeng le mo mokgokolosong