Dinotshe le Go Dulafatswa ga Dijwalo

©Luc Viatour
Kwa ntle ga go kwadisa metshitshi ya bona, go na le ditlhokego tsa baruanotshe go tlamela ka ditirelo tsa go dulafatsa mo dijalong tsa dijo. Mmatlisisi wa Mokgatlho wa Patlisiso wa Temothuo (ARC) Mike Allsopp o atlanegisa tse dikaedi tse di latelang tsa go dulafatsa tsa baruanotshe ba tlamela ka ditirelo tsa go dulafatsa:
Ditshelammogo tse di dirisiwang go dulafatsa di tshwanetse go siamela kgosigadi (nna le kgosigadi mo motshitshing).
Metshitshi e tshwanetse go nna le ditlhomeso tse di ka nnang le 8 ya dielamo tseo di khupeditsweng ka dinotshe di le ditlhomeso tse 4 tsa dielamo mo dikgatong tse di farologaneng.
Ditshelammogo di tshwanetse go bewa ka ditlhopha, di ratang go tlhama sediko go lekanyetsa phokelelo. Lefelo le le lengwe ga le a tshwanela go feta dimetara di le 400 go tswa go e nngwe. Fa se se ka se kgonege go dirwa, di tshwanetse go bewa mo molelwaneng wa ditlhare tsa maungo kgotsa mo tshimong. Fa ditshelammogo di beilwe ka mola go botlhokwa go di bea ka manyokenyoke ka fa go kgonegang ka teng mme o fetole matseno mangwe le mangwe a bobedi kwa go 180°.
Metshitshi e tshwanetse go bewa mo maemong a a kwa tlase jaaka ditena kgakala le mmu. Mo dikgaolong tse di nang le magogwe di beye mo bogodimong jo bo ka nnang 1 m, ditshelammogo di tshwanetse go sirelediwa kgatlhanong le ditshoswane.
Fa go na le dijalo tse di leng mo kgaisanong tsa dinotshe tse di leng mo gare kgotsa go nna gaufi le ditlhare tsa maungo (eucalyptus, monamune, luserene, acacias j) di oketsa palo ya ditshelammogo.

Netefatsa gore metsi a a foreše a gaufi mo tsamaong ya ngwaga. Go botlhokwa thata go go boloka bongola le themphereitšha e e tlhokegang mo motshitshingka ntlha ya go tlhokomela elama.
Mo dijalong tse dintsi, ditshelammogo di ka tlosiwa go iswa mo ditlhare tsa maungo kgotsa kwa tshimong fa 10% ya dithunya di setse di bulegile.
Tulafatso ya kgwebo e ka nna e matswakabele thata mme e ka batla patlisiso le maitemogelo. Mekgatlho ya balemirui ba dinotshe ba selegae ba ka nna mosola go ya ka dikatlanegiso le go thusa.

Tulafatso ya Dijalo tsa Dijo

©Kathy Keatley Garvey
Mo Aforika Borwa, patlisiso ya mmudula e e dirilweng ke ARC, e e tlametseng ka dikatlanegiso tse di latelang tsa go dulafatsa dijalo tsa dijo:
Dialemond
E jetswe segolo kwa Kapa Bophirima, setlhare se sa thamage se thunya malatsi a le 21. Baya metshitshi e e 5 - 8 ka heketara fa ditlhare di setse di le 50% ka dithunya. Dithunya tsa alemond di amogela ka letsatsi la bobedi la go bula letsatsi.
Diapole
Jetsweng segolo kwa Kapa Bophirima, ditlhare tsa dithunya tsa diapole di thunya matsatsi a 10 go ya go a le 25. Tulafatso e e siameng ya ditlhare tsa apole, 2 - 5 ya metshitshi ka heketara e atlanegisitswe. Khuoetso e e siameng ka dinotshe e ka fitlhelelwa fa 3 kgotsa go feta ya dinotshe ka setlhare ka nako nngwe le nngwe ya letsatsi le letsatsi di balwang.
Diobokado
Diobokado ga di a dulafadiwa ke phefo ka jalo di tlhoka tshotiso e e diragalang ya mmudula ka ditshenekegi e le gore badulafatsi ba ba gaisang go fitlha ga jaana ke dinotshe. Go ne ga fitlhelwa gore dinotshe di ka biletswa go ya kgakala ke dijalo tsa dinotshe tsa bogaisani jaaka mekolonyane, ditlhare tsa boka tse thunyang kwa morago tsa saligna (mofuta wa setlhare sa eucalyptus) le menamune e e thunyang ka bonako.
Tulafatso e e nonofileng ya diobokadi e tlhoka ya 2 – 4 ya metshitshi ka heketara mme le dinotshe tse ka nnang 5 (tse di badilweng fa gare ga 10: 00 le 16: 00) ka 1 m² ya setlhare se se thunyang.
Borekhu jwa mmala wa loapi
Ka kgolo e e boitshegang ya dijalo tsa borekhu jwa mmala wa loapi mo Borwa jwa Aforika e e solofetsweng go tswa mo 2018 go ya go 2023, ditirelo tsa go dulafatsa tsa borekhu jwa mmala wa loapi di tla nna tse di botlhokwa thata. Dijalo di fopholeditswe go gola go tswa go 1 500 go ya go 6 000 ka heketara. Sethunya sa borekhu jwa mmala wa loapi ka nako e telele ka jalo ke kakanyo e e siameng go tlisa dinotshe tse di dišwa mo dibekeng dingwe di le dingwe tse di 2 - 3. Baya ditshelammogo tse di 10 - 14 dikoloni.
Kanola
Kanola e jetswe thata ka ntlha ya oli (Borwa Bophirima Kapa) le ka seelo se se nnye sa go ntsho kuno ya peo (Foreisetata le Kapa Bokone). Boleng le bokanakang jwa peo di okeditswe thata ke tulafatso ya dinotshe. Dithunya tsa Kanola mo dibeke di le 5 -7. Metshitshi e memedi - 6 ka heketara e atlanege di atlanegisitswe. Tswine ya dinotshe e tshwanetse go ntshiwa ka bonako jo bo kgonegang ka ntlha ya gore tswine ya kanola e bonagala ka bonako mo kamong.
Dilitšhi
Ditlhare tsa dilitšhi di jetswe mo dikarolong tsa boboatsatsai tlase tsa Aforika Borwa le dithunya tsa go fitlha malatsing a le 21. Tulafatso ka dinotshe e botlhokwa mo go rulaganyeng maungo a dilitšhi le metshitshi e e 2 - 4 e beetswe mo teng ga ditlhare tsa maungo. Maatla a tshelammogo a oketsega ka nako ya go dulafatsa mme digopa di ka nna boiphemelo thata – baya metshitshi kgakala le badiri ba ditlhare tsa maungo.
Dithamane tsa Makadamia
Tsa Makadamia ke intaseteri ya dijalo tsa ditlhare e e golang ka bonako go gaisa tse tsotlhe mo Aforika Borwa mme ka jalo ke dikgang tse di monate tsa baruanotshe ba ba batlang go tlamela ka ditirelo tsa go dulafatsa mo balemiruing ba dithamane tsa makademia. Dithunya tsa makademia mo nakong e telele, ka jalo ke kakanyo e e siameng ya go tlisa digopa tse dišwa tsa dinotshe, gonngwe mo dibekeng di leng 2-3 dingwe le dingwe. Baya metshitshi e e 5 - 8 ka heketara.
Dimenku
Sejalo se se botlhokwa sa boboatsatsi tlase mo Aforika Borwa, ditlhare tsa menku di thunya mo malatsing a 28. Katlanegiso ya tulafatso ke metshitshi e 3 - 15 ka heketara. Maatla a ditshelammogo a ya kwa tlase ka nako ya go dulafatsa dimenku, ka jalo digopa tse di maatla le go itekanela di a tlhokega.
Dieiye
Gore dieiye di ntshe kuno peo, go dulafata ka dinotshe go a tlhokega. Metshitshi e metlhano go ya go 12 ka heketara e atlanegisitswe. Mo dieiyeng, dinotshe di ka nna bosisi mo notsheng e e kobegileng e e thopang metshitshi (gantsi e fitlhelwa mo dikgaolong tse motlhaba) le diteng tsa potasiamo mo botsheng jwa eiye.
Diporeimi
Di jalwa kwa Kapa Bophirima, ditlhare tsa poreimi di thunya mo bogareng jwa malatsi a le 8 le 14, mme dithunya di amogela mo malatsi a 1 go ya go 2. Go atlanegisitswe gore metshitshie 2 - 6 ka heketara e dirisiwe mme motshitshi o sotisiwe fa dimela di gasetswa ka dibolayadisenyi.

Translated by Lawrence Ndou