Dingwao tsa Setso sa SeXhosa

Goldie Qayiya o arogana dingwe tsa dikgakologêlô tsa gagwe tsa go golela mo lolapeng lwa setso sa SeXhosa.

Ditiro tsa Bongwaneng

©Eric Miller

Fa ke ne ke tshwara dingwaga di le 10, ke ne ke le bogolo jo bo lekanetseng go ka thusa mmê le rre. Ke ne ke itse ka fao ba dirang ka natla ka teng mme ke ne ke le motlotlo thata ka bona. Ka jalo moso le moso ke ne ke tsaya lefielo la me go fiela lebala ka maatlamêtlô, ke leka go nna matshetshe le botlhale jaaka bona.

Fa nkabe ke ne ke ile le bothitho jwa dikobô tsa me, rre o ne a ka tla ka thobane e nnye ya gagwe go netefatsa fa ke tsoga. Go ne go se ka fa oka mo nyatsang ka teng, eseng ka motsi oo kgotsa motsi ope.

Re ne re katisitswe sentle, ka botlhano ba rona re le bana, go dira ka thata, jaaka a ne a dira, ntle le go lapa. Ka jalo go simolola ka tsatsi la me la matsalo a dingwaga di le lesome, go ya kwa pele, ura ya bone e ne e le nako ya me ya go tsoga.

Teko ya Bogammana

©Eric Miller

Fa e ne e le nako ya teko ya me ya bogammana, mmê wa me o ne a reketse modiro sakatuku e tshweu. Fa basadi ba ne ba fitlhela o le legammana, mongwe wa bona o ne a ya kwa ntle mme a tsokotsele banna kwa lesakeng sakatuku. Ke ne ke sa tshabe teko, ka gonne ke ne ke ise ke nne le molekane.

Mo go nna, basadi ba ne ba tsokotsa sakatuku se se sweu. Banna botlhe ba ne ba repa, ba simolola go nyeba mme ba tshuba dipeipi le metsoko ya bona. 'Malebo, malebo', ba ne ba goelela basadi botlhe. Mo motshegareng oo, rre o ne a tlhaba nku go ntlotlomatsa mme, mo maitsiboweng, re ne ra nna le peso e kgolo go keteka.

Teko ya bogammana e ne e le nngwe ya mediro ya setso e e neng e lere ngwao ya rona ya tlotlô. Go ne go le thata mo go rona basetsana, fela re ne re sa gane ka gonne e ne e le karolo ya botshelo mme nna, ka bonosi, ke ne ke sa nke ke dira sengwe se batsadi ba me ba sa se eletseng.

Lenyalo la SeXhosa

©Eric Miller

Batsadi ba me ka bobedi e ne e le barutabana ba ba alogileng mme ba rata sekolo. Ke ne ke batla go nna morutabana le nna, ka jalo morago ga dingwaga di le tharo tsa sekolo se se golwane, ke ne ka ya kwa sekolo-katisong sa borutabana. Ke ne ka falola dithuto fela ke ne ke sa kgone go dira jaaka morutabana, ka gonne ka ngwaga wa bofelo wa dithuto, ke ne ka tshwanela ke go nyalwa.

Rre wa me o tlhophile monna wa me, Otto Qayiya, mme moletlo wa rona wa lenyalo o diragetse ka malatsi a le mabedi, letsatsi la botlhano le la borataro la Ferikgong 1965. Re kwadile ditaletso di le di ntsi mo maphatlông a pampiri mme ra a neela bana ba bannye go a isa kwa go mogokgo kwa sekolong. Ka nako ya boikhutsô, bana botlhe ba ne ba newa nngwe ya ditaletso go e isa gae.

Ka tsela eo, motse otlhe o ne o itse ka ga moletlo. Ke tsela e re neng re phatlhalatsa lefoko ka ga moletlo wa lenyalo ka teng. Re ne ra nyadiswa kwa kerekeng ya Anglican, mme ra ya kwa ntlong ya ga Otto kwa gone botlhe ba neng ba re letile kwa ntle, ba duduetsa; basadi ka diatlana tse tshweu le meaparo e mentle e e pinki le botala jwa loapi ya bo-1960, mme banna ka disutu tse ntsho le dihempe tse tshweu.

Re ntse nako re dumedisa batho botlhe le go ba tshwara ka diatla, mme ra tsena ka fa teng go ja dijo tsa maitsebowa. Dinku tse nne le kgomo e kima di ne di tlhabilwe. E ne e le mokete o mo golo ka nama, setampa le reisi ya bagodi.

Meetlo ya Setso

©Eric Miller

Batho ba le bantsi kwa dikgaolong tsa selegae ba ne ba santse ba apara diaparo tsa setso fa ke ne ke gola. Basadi ba ne ba na fela le dikhete le dibaga mme banna ba ne ba apara dikobô mo magetleng a bona, di bofeletswe mo mathekeng a bona.

Batho bano ba ne ba sa ye kerekeng, mme ba ntshitse bana ba bona gotswa kwa sekolong gore ba tlhokomele masimo a merogo le dikgomo, dinku le dipodi. Dilo di ne di tsamaya ka setso thata.

Translated by Nchema Rapoo