Candelabra Flower
Lematlha

© Roger de la Harpe
Candelabra Flower.

Leina

Lematlha kgotsa Candelabra Flower

Leina La Se-Latin

Brunsvigia natalensis

Thanololo

Lematlha ke semela se se segwere se se tshelang nako e telele se se golang go fitlha boleele jwa 500mm. Segwere, se se apesitsweng ke letlapi le le borokwa, se na le bophara jwa 200mm. Matlhare a a sephara a mabedi go ya go a le marataro, a a ka nnang boleele jwa 10mm, a ipharile fa fatshe, a tlhoga morago ga dithunya ka mariga. Thitô e telele e tshesane e e thunyang e tshwara sethunya se se ntle, se se bophara jwa 300mm, ka dithunya tse di bopegileng jaaka terompeta ka mmala o mohibitshwana. Lematlha le thunya go simolola ka Ngwanatsele go fitlha Ferikgong.

Tulo

Lematlha le fitlhelwa ka go phatlhalala kwa nageng tsa tlhaga tse di kwa porofenseng ya Limpopo mo Afrika Borwa. Semela seno se kaiwa fa le se sewelo.

Peo

Peo e e kgolokwe e le tala e mediswa e santse e le mo semeleng.

Leungo

Fa leungo la Lematlha le ungwa, kalana ya leungo e a omelela mme e swabe, seno se dira gore e repise go tshwara leungo. Phefo e kgwagolola leungo mme e fofe ka lona, nako nngwe di miles di le mmalwa, e gasaganya peo ya lona mo tseleng, pele le kabiwa mo legoreng kgotsa sengwe le sengwe se se ka le thibelang.

Dintlha Tlhagiso

Mofuta ono wa semela gantsi o tlhakatlhakantshiwa le mofuta wa Brunsvigia radulosa mme gona le baitseanape ba dimela ba ba dumelang fa ele dika-mefuta tsa mongwe ka bo tsona. Peo e fofa le phefo sekgala se se telele pele e ka thibiwa ke sethibi sengwe.