Cabernet Sauvignon

© Glenneis Kriel

Thanololô

Cabernet Sauvignon ke mofuta wa mofeine e khibidu o o dirilweng ka kopano magareng a Cabernet franc le Sauvignon blanc. O golaganngwa le mengwe ya mefeini ya tlhwatlhwa e e kwa godimo mo lefatsheng.

Tlhôlegô

Mofuta ono o lebega o tlholegile ka dingwaga tsa bo1700 kwa Bordeaux, kwa e boneng tumo teng ka ntlha ya go sa tshwarwe ke botrytis.

Tumo ya ona e ile magoletsa ka ngwagakete wa bo 18, ka ditebogo go kgaolo ya mofeine ya Bordeaux e e neng ya dirisa mofuta ono jaaka sediriswa se se botlhokwa mo metswakong ya mofeine e e tumileng. E tlogile mo go nneng mofuta wa borobedi o o jalwang thata mo lefatsheng ka dingwaga tsa 1990 go nna mofuta o o jalwang go fetisa mo lefatsheng ka ngwaga wa 2010.

Maina A Mangwe

Ka ngwagakete wa bo 18 kwa Bordeaux e ne e bidiwa Petit Vidure. E bidiwa gape Petit Cabernet.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Ga go a totobala gore Cabernet Sauvignon e fitlhile leng mo Afrika Borwa, fela go kgonego e kgolo ya gore e ntse e le teng dingwagakete tse pedi tse di fetileng.

Moprofesara Abraham Izak Perold wa Stellenbosch University ka dingwaga tsa bo1920 o ne a e supa fa ele sejalo se se kgonang go tlhagisa mofeine wa boleng jo bo siameng mme ka jalo a rotloetsa ntshô ya ona. Mofuta ono kwa tshimologong o ne o dirisetswa ntshô ya mofeine wa mofuta-nosi, fela morago o ne wa dirisetswa go tswakanya.

Dikgaolo tsa Ntshô-Tlhagiso

Cabernet Sauvignon ke mofuta wa mofeine o mohibidu o o jalwang thata mo Afrika Borwa. Merara e fitlhelwa go ralala dikgaolo tse di tlhagisang mofeine, mme Stellenbosch e rwele bogolo jwa karolo ya ntshô-tlhagiso, e selwa morago ke Paarl, Swartland le Robertson.

Kgolô

E na le kgolo e tona e le tota mme e tlhagisa logong lo lo tiileng. Ntsho magareng e go 6t/ha go ya go 12t/ha.

Go Butswa

Diterebe di butswa thari mo gare ga setlha, go ya kwa bofelong jwa Mopitlwe.

Meretlwa

Mofuta ono o na le meretlwa e mennye, e le boleta, kgolokwe e le ntsho. Letlapi le thata ebile le le kima, fa leungokobolwa le tsepame ka tatsô e e itshupileng ya bojang.

Matlhare

Matlhare a mmala wa botala jo bo tseneletseng, bogolo ke jo bo mo magareng, a kgolokwe ka ditsebe tse tlhano tse di tlhatlaganeng.

Disinyi le Malwetse

Mofuta o no o tshabelelwa ke odium le phori, fela ga o tsenwe tsenwe fela ke botrytis.

Tiriso

Mo Afrika Borwa, Cabernet Sauvignon e ntse e amanngwa le mefeine ya mofuta-nosi ya tlhwatlhwa godimo ga e sale ka dingwaga tsa bo1920.

E dirisiwa gape mo metswakong e e farologaneng jaaka Cinsault kgotsa Shiraz go dira tannin boleta, e dirisiwa gape le Pinotage le mefuta e mengwe go tlhagisa Cape Blend, kgotsa Merlot, Carbenet franc le jalo le jalo go tlhagisa motswako-mokgwa wa Bordeaux.

Tatsô

Mefutafuta e le mentsi ya dika-mofuta e tlhagiswa mo Afrika Borwa, e farologane ka ditatsô go tswa go liquorice, chocolate, bojang tota le pherefere e tala. Gantsi, dika-mofuta di le mmalwa di jalwa mo êkêrêng go oketsa botswakabele jwa mefeine.Translated by Nchema Rapoo