Bosa ke Eng?

©Adam Peterson

Bosa jwa kgaolo ya temô bo sweetsa botshwanedi jwa sejalo ka ge sejalo sengwe le sengwe se na le ditlhokegô tsa bosa tse di rileng. Dingwe tsa dintlha tse di botlhokwa thata tse di sweetsang bosa di akaretsa themphoritšhara, tekanyo ya mogote, ditekanyo tsa mogatsela o o kwa godimo ga boswakgapetla, boleele jwa letsatsi, bongôla, segagane, sefako le phefo. 

Bosa le Tshologo-pula mo Afrika Borwa

Afrika Borwa ke naga e e mogote e e omeletseng, mme komotiso magareng ya ngwaga le ngwaga e e diragalang mo go fetang 60% ya bogolo jwa boalô jwa yona, e kwa tlase ga 500 mm. Tshologo eno ya pula e kaiwa ele selekanyetso se se kwa tlase sa tlhagiso-dijalo e e atlegileng e e nosetswang ke pula. Dijalo di le mmalwa di na le ditlhokegô tse di kwa godimo tsa pula, jaaka ditshimo tsa teye tse di tlhokang go feta 1 000 mm ka ngwaga. 

Mokgwa wa setlha ka setlha wa tshologo-pula mo Afrika Borwa o dira gore go nne le tlhokegô ya nosetsô le mo dikgaolong tsa temô tse di nang le tshologo magareng e e kwa godimo ya ngwaga le ngwaga tota. Dijalo tse di tlhotlhoregang tsa maungo kwa Ceres kwa Kapa Bophirima ke sekai. Dijalo di nosetswa ka selemo se se omileng ka ge kgaolo eno e itemogela tshologo magareng e e kwa godimo ya pula ka mariga fela. 

Ka ntlha ya gore Afrika Borwa ke naga e e mogote e e omeletseng, tatlhegelô magareng ya ngwaga le ngwaga ya metsi ka mokgwa wa mowafalo e kwa godimo mme e oketsa tlhokegô ya metsi a nosetsô. 

Ke Eng Macro-climate?

Macro-climate e kaya bosa mo seêlông sa bosetšhaba kgotsa sa naga. Dikgaolo tse di kgolo tsa mefuta e e tshwanang ya bosa di tlhaolwa mmogo mme di sobokwa mo mmepeng. Tseno e ka nna ditlhaolo goya ka kopano ya dilekanyetsi tsa bosa tse di farologaneng tse di jaaka mafelo-bosa a Köppen. 

Tlhaolo-bosa ya Köppen e kgaoganya bosa ka mefuta e megolo ele metlhano, e e emelwang ke ditlhaka-kgolo A, B, C, D le E. Sekai, A ke tropical mme E ke polar. 

Ke Eng Meso-climate?

Meso-climate e kaya bosa jwa selegae. Mefuta ele mmalwa ya meso-climate e ka fitlhelwa ka mo gare ga kgaolo e e rileng ya macro-climate. 

Mekgwa ya bosa ya meso-climate le phasalatso ya yona ya tikologofatshe gantsi di sweetswa ke topography. Topography e akaretsa ditshupa-karolo tse di jaaka dikgophu, dithaba le dinoka. 

Meso-climate tse di mo tikologong ya Magaliesberg, tse di tsamaelang kwa botlhaba-bophirima gotswa kwa Pretoria go feta Rustenburg di neelana ka sekai se se manontlhotlho. Mekgokologa e e mo bogareng mo letlhakoreng la bokone la thaba e bothitho go feta mekgokologa e e mo bogareng mo letlhakoreng la borwa. Tseno ka jalo ke meso-climate di le pedi tse di farologaneng. 

Mekgokologa ya bokone e lebagane le letsatsi mme ngatana e e rileng ya marang a letsatsi e apesa karolwana e tshesane, go neelana ka mogote o montsi go unit area.  

Mekgokologa ya bokone ya Magaliesberg ga e na segagane mme e na le dithemphoritšhara tse di kwa godimo tsa ngwaga otlhe, tse di siametseng dijalo tsa maungo-botsarara le tsa subtropical ka fa tlase ga nosetsô. Fela, mekgokologa e e fa tlase mo dinaong tsa thaba e na le bosa jo bo farologaneng ka gotlhe le jwa mekgokologa e e mo bogareng. Fano, mariga a tsididi mme segagane se dira kgaolo eno gore ese siamele dijalo tsa subtropical. 

Ke Eng Micro-climate?

Dipharologano tsa micro-climate gantsi ke ditshupô-karolo tse di golaganngwang le dikgaolo tse di nnye. Nosetsô gantsi e dirisetswa go fetofetola micro-climate: tshimo e e noseditsweng mo kgaolong e e omeletseng go se nene kgotsa e e omeletseng e farologana thata le bosa jwa kgaolo e e e potapotileng e e sa nosetswang, segolo thata mo dikgaolong tsa sekaka. 

Translated by Nchema Rapoo