Blesbok
Kgama

© Roger de la Harpe

Leina

Kgama (Damaliscus pygargus phillipsi)

Ponalo

Ka tlhago ya mmele, diphelefu le tse dinamagadi di tshwana thata. Boima jwa mmele bo ka fitlha kiligrama tse di 85. Letshwao le le tlhagelelang ka magetla la phala ke bosweu mo sefatlegong le lebala le le borokwa mo godimo ga matlho. Mmala o o borokwa o botlhofo kwa morago, le masaledi a nagamotlhodi ka mmala o o tshetlhana. Maoto ke a mmala o o borokwa le bosweu kwa godimo ga ona gam o ga morago a ona. Maoto a a kwa morago a maswana. Bong ka bobedi, bo dirisa dinaka tse sedikwadikwe kwa pele. Tse di sthegadi di na le dinaka tse di tshesanyane kwa pele.

Dijo

Phala le hpologolo e e fulang, e bontsha fa e rata bojang bo bo khutshwane, bogolosetona bo botala bo tlhagelelang morago ga go fiswa ga naga.

Pelegiso

Phala e tsala ka nako ya ditlha tse di rileng. Nako ya go kgatlegela go tlhakana ka bona ke ka Mopitlwe go ya go Phukwi. E tsala ka nako ya kgwedi ya Ngwanatsele le Sedimonthole morago ga nako ya go dusa e e ka nnang malatsi a a ka nnang 240. Di tsala namane e le ngwe.

Maitsholo a yona

Phala e tshwana sentle le phala e e bidiwang Bontebok. Go ya ka dintlha tse di fitlhetsweng go tswa kwa lowe diphala tse tse pedi ga di a di ipoeletsa fa di tsalwa. Go a diragala gore gonna le go kopanywa ga tsadiso ya mefuta e e mebedi e moo di fitlhelwang di le pedi gona. Manno a o di a ratwang ke diphala tse, ke mafulo ao a nang le metsi.

Di fitlhelwa kae?

Phasalatso ya phala e e kganelwa kwa Rephaboliki ya Aforikaborwa. Go ya dintlha go tswa kwa lowe akaretswa kwa Kapa Botlhaba, Foreisetata, Borwa ba kwa Teransefala, dikarolong dingwe mo kgaolong ya KwaZulu-Natal mo godimo go ya nokeng ya Tugela le kwa Lesotho, Bophirima ba dithaba tsa Maluti. Ke nngwe ya mefuta ya dipodi tse tlhaga e mentsi ya Aforika mo nageng e e bophara ya, mme Phalala go na le tlhokego ya yona go tloga ka 1893 ka ntlha ya go tsoma gogo tseneletseng ga letlalo la yona le nama.
Ga jaana go fitlhelwa dipalo di le kwa godimo thata ka ntlha ya go boloka e e mo dipolokelong tsa diphologolo. Ka bomadimabe, diphala di isitswe kwa mafelong a a kgakala le fa di tswang teng. Gompieno di ka bonwa mo di tyswaleletsweng ka ditlhophana tse dinnye le dipalo tse di ka nnang 120 000.

Mo karolong ya dintlha

Go amana go go lebaneng le Bontebok go go tlhotlheletsa go di tlhakanywa ka go di tsadisa fa gare ga mefuta e e le mebedi go dira gore gonn le phigisano ka ga dipalopalo tsa mofuta ka mong. Leina (Blesbok) le tswa mo lefokong la paka ya Maholannere “blaze”, e kaya tshweu mo phatleng.