Black Wildebeest
Dikgokong kgotsa white-tailed gnu

© Peter Delaney

Leina

Dikgokong kgotsa white-tailed gnu (Connochaetes gnou)

Ponalo

Dikgokong di ka nna borokwa bo bo tseneletseng, le bo bowa ja bo emeletsengmo molalelng le mogatla o o moswana. Bong ka bobedi bon a le dinaka tse di bokete, tse di lebeletseng kwa pele. Dipoo di ka lekalekantsha metara e le 1, kwa legetleng le bokete jwa dikilomitara jo bo 161. Tshegadi e ka lekalekantsha dimetara tse di 1.16 go ya mo legetleng le bokete jwa di kilograma tse di 130. Tsa dinak0a tsa dinamane ke tse di tlhamaletseng kwa tshimilogong, mme a kobega fa e gola a nna e ka nnang dikgwedi di le robongwe.

Dijo

Di ja ka go tlhopa bojanney mme ka dinako dingwe di ja ditlhare, ditlhatsana, le ditlama.

Maitsholo a yona

Mo loagong, dikgokong di fitlhelwa ka mefuta e le meraro ya diruiwa tse e leng tsa tikologo tse di gaisanang ka kgogelo dikgomo tsa ditshadi, basadi jaaka metlhape e, mme la bofelo ke tseo di so tlhakaneng le tsa ditshegadi ka gope. Dipoo tse di fekeetsang tse dingwe di fitlhelwa mo thulaganyong ya naga e, ngwe le ngwe ya tsona e sireletsang tikologo ya yona. Ka kakaretso dipoo tse godileng di iphitlhela di kgphetswe kw thoko ntle le mophato. Seno se bontsha kamano e e riling, e tiileng mo tikologong dingwe tse di tlhophilweng go nna teng ga kgolokwe go tokafatsa pabalesego.

Tikologo ya tsona

Di rata tikologo e e bulegileng ya go fula, mme di tila naga e tlhaga e telele e e ntsi thata.

Moo di fitlhelwang teng?

Dikgokong di tlwaelegile go nna mo Aforikaborwa. Go itsege gore dikgokong di fitlhelwa kwa bogareng jwa naga e e bulegileng kwa dipoweng tsa naga, go tswa kwa Kapa Bokone, Foreisetata, Borwa jwa nagagodimo sa maloba sa Teransefala Bophirima, kwa Lesotho, Swaziland le bojang mafelong a a kwa tlase a ga dithaba tsa Drakensberg KwaZulu-Natal. E ne e tlhagisiwa mo dikarolong tse dingwe tsa naga le dinaga tse di mabapi. Palo ya ka ditekanyetso tsa 12 00 e ga e kitla e tsewa jaaka go nyelela ka bonako ga tsona mo lefatsheng.

Mo karolong ya dintlha

Gantsi di lathega moo mafelonug a tsona tlhago ka ntlha go tsenywenywa kgwebong ke bolemirui jwa dikgokong fela go nna mo polaseng e le motshameko wa lefatshe la poraefete, e bopilwe ka totobalo. Gape di fudusitswe go tswa kwa mafelong a bokgole jaaka Kenya. Le fa palo e e neng e bonwa mo bogareng kwa dipoweng tsa Aforikaborwa mo nakong e e fetileng ga di a fuduga ka bontsi jaaka kgokong ya botala jwa legodimo e santse e le teng.