Batho ba Metlheng ba Richtersveld

Bopaki jwa Ntlha

©Shem Compion
Bopaki jwa ntlha jwa batho kwa Namaqualand le Richtersveld bo bontshwa ke didiriswa tsa letlapa le le mo seemong sa tlholego, jaaka dilêtswana le dilepe tsa seatla tse di betlilweng gotswa mo lekgabaneng kgotsa legare la letlapa. Didiriswa tseno tsa go sale gale mo Pakeng ya Letlapa di golaganngwa le matsopa a a farologaneng a Homo, a a jaaka Homo habilis, Homo erectus le Homo sapiens ya bogologolo, a a tshetseng magareng ga dingwaga di le 2.5 million le 200 000 tse di fetileng. Fela go fitlha ga jaana, ga go na masaledi a batho a a fitlhetsweng mo karolong eno ya lefatshe.
Bogare jwa Paka ya Letlapa go begwa fa bo atologa magareng ga dingwaga di le 200 000 le 35 000 tse di fetileng. Paka eno e tshwaya phetogo gotswa go didiriswa tse di bopilweng ka logare lwa letlapa goya go tse di bopilweng gotswa mo matlhotlhoreng a letlapa, eleng technology ya go dira didiriswa e e matswakabele e mo go yona maphatlo a lejwe a phatlholwang gotswa mo logareng lwa letlapa go dira difadi, magare kgotsa dintlhana.
Dikai di le di ntsi tsa didiriswa tse di nnye tseno tsa letlapa di fitlhelwa kwa Namaqualand, mme mafelo a archaeology ale mantsi kwa Richtersveld a na le palo e kgolo ya mafofora le maphatlo a majwe, go kaya gore e ne ele ‘madirelo’ a didiriswa. West Coast National Park, gaufi le Langebaan, le yona e na le motlhala o o bonalang wa masaledi a a dirilweng ke bangwe ba badimo ba rona ba Homo sapiens ka paka eo.

Tulo ya Batho kwa Richtersveld

©Shem Compion
Paka ya Letlapa ya morago e diragetse gangwe le tlhagelelo ya Homo sapiens sapiens, batho ba popego ya sešweng ba ba tshwanang le nna le wena. Didiriswa tse di golaganngwang le paka eno di tokafetse go feta mme di totile tiro e e rileng. Di akaretsa magare, dikepi le dintlhana, bontsi jwa tsona di ne di gokagantswe mo matshwarong a logong go dira marumo kgotsa dithipa. Marapo le manaka le ona a ne a diriswa go dira magare, dinalete le dikgwage tsa tlhapi tota. Mafelo ale mmalwa a archaeology kwa Richtersveld (go boela morago dingwaga tse di fetang 3000 tse di fetileng) a neelana ka bopaki jwa technology ya mofuta ono.
Bopaki jo bongwe gape jwa tulo ya batho bo fitlhelwa ka mokgwa wa marapo a diphologolo a a phetotsweng, maisô a a ntshofetseng le dithothobolo di le mmalwa tsa matlakala tse di nang le maswe a batho, mme tseno di fitlhelwa go ikala le lobopo. Ka jalo, goya ka bopaki jwa archaeology, batsomi-bakokoanyi ba ba tlhotlhomang ga e sale ba tshela kwa Namaqualand le Richtersveld sebaka se se fetang dingwaga di le 200 000. E ne ka se nne botshelo jo bo bonolo. Metsi a ne katswa ale sewelo (go na le bopaki jwa dikgapetla tsa mae a ntlokwe a a neng a diriswa jaaka ditshodi tsa polokelo) mme ka metlha go ne go na le bokotsi jwa go tsoma go feta selekanyo. Fela, kwa bofelong, batho go ne go bonagala fa ba tlhaloganya gore phalolo ya bona e ikaegile mo tirisanommogong le tikologo ka tsela e e tsweleditsweng.

Translated by Nchema Rapoo