Bathibeledi ba Pele ba Mapungubwe

Dijeke tse Dintle! – Popo ya Dinkgo le Boitshupo

©Roger de la Harpe
Tsela ya botshelo ya setso ya Aforika ka kakaretso e ne e le tshiamelatikologo le go bola. Ke ka fao merafe ya Bantsho e tlogetseng kwa morago dilo tse di mmalwa tse di bonalang mo go rona gore re di fitlhele gompieno.

Se se ka nna sa sitisa baepolodi ba dilo tsa kgale le badiredi ba hisetori ba ba lekang go tlhakantsha hisetori ya rona ya pele yeo e so kwadiweng. Fela go na le selo se le sengwe se se nnile mosola thata mo go supeng le go fa ditso tse di ikgethileng matlha tsa Aforika – popo ya dinkgo.

Fa bakgarakgatshegi, jaaka batho ba San, ba ne ba sena mosola le dinkgo le dijeke tse di bokete le go nna masisi, Bantsho ba dirile dipalo tse di ntsi tsa ditshelo tsa go boloka metsi le seako. Ka lesego, popo ya dinkgo ya mmopa e na le mokgwa wa go nna sebaka se se telele, le fa e thubegile kgotsa e latlhilwe mo thotobolong ya matlakala mo motseng.

Mo godimo ga moo, setso sengwe le sengwe sene se na le kuno ya dipitsa tsa sona ka mongwalo-ruri o o farologaneng, dithulaganyo le dipopo, jaaka dikhutlotharo, methalo ya sebopego sa V le methalo ya tshekaganyo.

Naya Lefelo Leina

©Roger de la Harpe
Ka jalo, ke go sekaseka dikgabiso tse di farologaneng le dipopego tsa dipitsa tse di phologileng, re na le mokgwa wa go phutha le tolamiso ya merafe e e farologaneng.

Gape re ka kgona go dirisa bosupi jwa popo ya dinkgo go tlhomamisa phitlhelelo ya motho yo mongwe le yo mongwe mo lefatsheng. Ka jalo dipitsa tse di thubegileng di supile go nna sediriswa se se ka se beiweng tlhwatlhwa epe ya baepi ba dilo tsa kgale.

Nnete ke gore, ka ntlha ya fa re sena le rekoto ya maina a bona a setlogo, merafe ya kgale ye mentsi ka jeno a e supiwa fela ka popego le mekgabiso wa dipopo tsa dinkgo tsa bona.

Ka go sa tlwaelege, dikokoano tsa baepi ba dilo tsa kgale di laela gore leina le newe ‘setso sa popo ya dinkgo sengwe le sengwe se se ikgethileng’ gantsi e ntshiwa mo polaseng kgotsa mo lefelong leo mokgwa wa popo ya nkgo e e la ntlha e fitlhetsweng mo go yone. Seno se bidiwa Leina la Lefelo.

Ke dirile mo go ntsi thata go tlhalosa tsamaiso e gore o tle go tlhaloganya gore goreng fa bontsi ba baagi ba pele ba Bantsho ba na le boitumelo mme bogolo di na le main aa mabedi, jaaka tse di boikhutso jo bo itumedisang ba setso, ba ba utlwalang ekete ba ne ba tsamaisa lefelo la malatsi a boikhutso.

Baagi ba Pele ba Ngwaga wa Tshipi (200 Morago ga loso lwa Kreste – 900 Morago ga Loso lwa Kreste)

©Roger de la Harpe
Bantsho bao ba tsweletseng pele ba gorogile mo Borwa jwa Aforika ka nako ya 200 morago ga loso lwa Kreste. Ba tlile le dithekenoloji tse dintšhwa, tse di jaaka tsa go dira ka tshipi, mme seno se tsewa e le tshimologo ya Dingwaga tsa Tshipi mo Borwa jwa Aforika.

Mongwe wa baagi ba Bantsho wa go itsege wa go nna kwa kgamolong ya noka ya Limpopo-Shashe ke o o biditsweng ka go sa tlwelege gore ke setso sa boitumediso sa boikhutso. Morafe o, mmogo le e mengwe jaaka setso sa Gokomere, go bonala ba nnile le go tshela mo lefelong le fa gare ga 350 le 450 moraga ga loso lwa Kreste.

Ke go go nnye go go itsegeng ka ga batho bao ba neng ba tshela ka go lema le go ruwa kwa ntle ga ba ne ba dira motswako wa lema dijalo, go tsoma le temothuo.

Morago ga moo, fa gare ga 600 le 900 morago ga Kreste, go lebega gore balemirui ba tlogetse Kgamolo ya Lhashe-Limpopo. Se e ka nna ka ntlha ya go fetoga ga tlelaemete le gore kgaolo e ne e se tlhole e siametse temo. Karolo e ya naga ye e ka nnang kotsi e tsamaya magareng ga monono le komelelo, le phetogo ga paterone mo go neng ga pula go ka supa go le masisi go tlhabologo. Go refosana ga tsheko ya dipaka tsa komelelo le metsi e tla nna e e botlhokwa ya go kgweetsa dipaterone tsa bonno mo kgaolong.

Go Tswelela ga Ditso tsa Morafe

Le fa go ne go diragale gontsi kwa kagolong ya Mapungubwe mo pakeng e, ditso tse di mmalwa tse di sa tlwaelegang tse di sa itsegeng thata tsa morafe di ne di tswelela mo dikarolong tse dingwe tsa naga. Sekai sa e nngwe e e kgatlhang thata ke batho bao ba sa itseweng ba ba dirileng Ditlhogo tsa Lydenburg tse di makatsang, tse di fitlhelwang mo kgaolong ya Mpumalanga.

Dimaseke tsa go tshwana le mmopa tse di tshwantshang difatlhego tsa dika-batho, dika-diphologolo tse di makatsang, mme go dumelwa gore di ne di dirisiwa mo tsa meetlo le dikoma. Ditlhogo tsa Lydenburg di mo pontshong ka mo Musiamong wa Aforika Borwa kwa Motse Kapa, tsa go tshwana natso kwa musiamong wa selegae mo Lydenburg.

Translated by Lawrence Ndou