Baeti goya Mapungubwe National Park

Boakaretsi jwa Mapungubwe

©David Fleminger
Mapungubwe National Park e amogela diketekete tsa baeti ba tsatsi ka tsatsi (go akaretsa ditlhopha di le di ntsi tsa maeti a sekolo) mme dipalopalo di ya godimo ka metlha. Mo godimo ga fao, 60% ya baeti ke batho-bantsho, sengwe se se farologanang thata le boidiidi jwa dipalopalo tsa batho-basweu ba ba etelang dirapa tsa bosetshaba tse dingwe.

Pharologano eno e ka tswa e bakwa ke gore Mapungubwe ke serapa sa bosetšhaba sa ntlha sa bantsho se se totaneng le motsi wa Afrika o o tshwanang o le nosi; o o ketekang histori e e kileng ya ganetswa kgotsa ya kgaphelwa thoko. Dirapa tse dingwe, ka fa go le lengwe, di bonwa ka nako dingwe jaaka dikatoloso tsa thulaganyo ya tlhaolele, mme kwa ntlheng di ne di sa amogele batho-bantsho. Boakaretsi jwa Mapungubwe ka jalo ke sengwe se SAN Parks e batlang go se rotloetsa kwa dikgaolong tsa tshomarelo-tlhagô tse dingwe.

Fela ga se fela ka ga dipolotiki. Mapungubwe e bontsha fa e rategile thata ka gonne ke lefelo le le kgatlhisang go ka etelwa. Mabono ga a tlwaelega mme a itshupile. Dikampa tsa boikhutso di tswile diatla. Mme serapa gape se na le mafelo a le mararo a a botlhokwa a archaeology eleng Mapungubwe Hill, K2 le Schroda.

Goreng o Leta?

©Roger de la Harpe
Serapa se neelana ka bodulo jo bo gaisang (jo bo phalang jwa Kruger) mmogo le mokoa wa dilo tse o ka di dirang le dikgogedi.

Molebo mo serapeng ga wa tlwaelega mme o tletse ditiragalo. Mo dingwageng-kete, se e neng e kile ya nna nagagodimo se gogomologile go bopa tikologo ya dikgophu le meboto. Kwa tlhakoreng ya Limpopo, masaledi a nagagodimo eno a sutela mekgokologo e e fologelelang kwa losing lwa noka. Bogodimo bo mo bogareng jwa dimetara di le 300 goya go 780 fa godimo ga selekanyô sa lewatle.

Dithabana tse di itlhaotseng tsa kgaolo, jaaka Mapungubwe, di bopegile fa boalo jwa Clarens Sandstone bo gogolega goya goile, go fitlha go sala fela ditotoma tsa lejwe tse di ikemetseng di le mmalwa. Kêpêsê eno ya lejwe le le hibidu (e e tlhaloswang jaaka ‘dithota tsa sekaka tse di fetotsweng lejwe’) e kopakopana le bojang jo bo serolwana mo dikgophung go neela moeti mmala o o tlhaga.

Translated by Nchema Rapoo