Aardwolf
Phiri ya mosima

© Nigel J Dennis

Leina

Phiri ya mosima [Proteles cristata]
Leina le la “Aardwolf” le raya gore 'phiri ya mosima ka SeAfrikanse' mme le tserwe ka dikarolo tsa yona tseo di tshwanang le tsa ntjwa le mekgwa ya dijo tse di jaaka motlhwa tseo di e epang go tswa kwa mmung.

Ponalo

Phiri ya mosima e na le boa jo bo mmala o o elang kwa boserolwaneng le borokwa, le mebala e e tsepameng e mentsho, e e nang le mogatla o o nang le maboa a ma ntsi mme o na le ntlha e e boa jo bo ntsho, e na le boa jo bo ntsi mo mokwatleng, jo bo emelelang fa Phiri ya mosima e ikutlwa e romulwa kgotsa go tshoswa. Phiri ya mosima e eme disentimetara tse 40 go tloga legetleng ka mogatla o o boleele jwa disentimetara di le 20-25, mme e eme boleele jwa disentimetara tse di 65-80 go tswa kwa nkong go ya kwa mogatleng mme e boima jwa dikilograma tse di leng mo bogareng jwa 8 le12. E tshwana le Phiri e e thamaga e nnye.

Dijo

Mefuta e e sa tlwaelegang e ya diPhiri ke moji wa motlhwa. E tlwaetse mo go maswe go ja motlhwa moo ebileng le meno a yona a ntse jaalo fela kwa ntle go a magolo a Phiri ya mosima, ebile a fokotsegile gore le go tlhafuna nama fela e nna namame e tona ya tiro. Meno ao a kwa pele a itekanetse sentle mme e a dirisa go itshiriletsa mo go diPhiri tse dingwe tsa mosima. Dijo tsa Phiri ya mosima di na le mefuta e me bedi e e kgethegileng ya metlhwa, o mongwe ke o o iphitlhelang o sena mosola ope ka nako e e tsididi, ya mariga ka jaalo Phiri ya mosima e tla tlolela kwa go mofuta o mong wa motlhwa go ja mpa mpolaye.
Tlhokego eno ya dijo e kgoreletsa Phiri ya mosima go ralala le naga ka ntlha ya go nna le dijo tse di ntsinyana mo lefelong leo go nang le mefuta eo e mebedi fela ya motlwa. Mo bosigong jo bo tlwaelegileng Phiri ya mosima e ja motlhwa o o kanaka 200 000 go ya go 300 000 ka go dirisa bokgoni jwa yona jo bo maroka, Phiri ya mosima e kgona go utlwa kwa go nang le motlhwa gona e bo e konosetsa ka go dirisa leleme lo le sephara la yone go bo ja ka bo ntsi fela. Phiri ya mosima e itsege gape ka go ja diphologolo tse dingwe tse di nnye jaaka dipeba, dinonyane tse di nnye, mae le kgari.

Pelego

Gantsi Phiri ya mosima e e tona le e tshegadi di na le ditlhong, di a tshabana e bile ga di nke di bonwa fela,seo se dira gore gonne bokete go itse ka ga go tshela ga tsona jaaka balekane fela go dumelwa gore di kgona go tlhakana nako ngwe le ngwe mo ngwageng o otlhe. Go nna balekane ga e e tona le e tshegadi go tsaya malatsi a a 90 go ya go a 100 go bo belegwa diphitsana tse 2 go ya go tse di 4. Fa diphitsana di fetsa go kgweswa letsele di tla bo di jeswa motlhwa o o satswa go thuthuga ke batsadi ka bobedi.

Boitshwaro

Diphiri tsa mosima di rata go robala motshegare mme di bo di sasanka bosigo. Gantsi di tsoma ka bo esi kwa ntle ga thuso ya tse dingwe, di bokaana fela ka ntlha ya go kopana jaaka balekane le go godisa tse di nnye. Ka dinako dingwe di bonwa ka ditlhopana tsa bo bedi kgotsa setlhopana se se nnye sa tse di ntsinyana. Phiri ya mosima ga e ise e tlhagise tsamaiso ya lelapa le le akaretsang ditlogolo jaaka diphiri tse di mabala le tse di mebala-bala ka ntlha ya go ja ga tsona go go gagametseng ga motlhwa. Ka ntlha ya go sa dumele mo go kgaoganeleng dijo ebile di ka se ke tsa busetswa kwa mosimeng, diphiri tsa mosima di tshwanela gore di tsee leote go ya go senka dijo. Gantsi mesima ya tsona ke e e tolositsweng gantsi ke Magotlo a tlhaga eo e nang le ditsela Dikolobe tsa mosima kgotsa Dinoko. Diphiri tsa mosima ke diepi tse di matlhagatlhaga mme fa go se na mesima gope di tla ikepela ya tsona.

Di fitlhelwa kwa kae

Di fitlhelwa kwa botlhaba le kwa borwa jwa Afrika ntle le kwa borwa jo bo leng kwa lebopong. Diphologolo tseno tse di jang nama di iphilthileng jaana di iponagatsa di na le kgotlelelo e e bonolo ya naga e e bophara le bogolo mme di itumelela go nna mo mafelong ao a sa itemogeleng pula ka bontsi, di nna mo mafelong a a bulegileng ao a nang le bojang, le fa go nang le ditlhatsana mme go na le bojang jo bo kwa tlase moo di phelang kwa tlase mo mesimeng. Go na le mafelo a mabedi ao diPhiri tsa mosima tseo di leng baagi ba tsona, ke tse di ikaegileng ka go tshela mo Afrika Borwa mme tse dingwe di fitlhelwa kwa gare ga Tanzania kwa lebowa go ya kwa borwa jwa Egepeta. Gantsi diPhiri tsa mosima di filthelwa mo go nang le ditlhatsana le bojang jaaka kwa Botswana, kwa seka sekakeng sa Karoo le profenseng ya Kapa Bokone.

Tlhaloso ya fa e gatileng gona

Phiri ya mosima e nale menwana e metlhano mo maotong a kwa pele, fela monwana wa kwa pele o nnetse kwa godimo mme ga e ke e tlogela letshwao mo fatshe, e na le menwana e mene kwa maotong a a kwa morago. Maroo a yona a masesane fa o e lebeletse mo godimo, felafa o e lebeletse ka letlhakore le bophara kwa botlaseng e bile le thata, le botelele jwa dimilimitara tse ka nnang 20 ka ponelo pele.

Dipalopalo tse di mosola

Boima jwa mmele (Tshadi) 7,7 go ya go13,5 dikilograma
Boima jwa mmele (Tona) 7,7 go ya go 13,5 dikilograma
Boleele (Tshadi) disentimitara tse 90,
Boleele (Tona) disentimitara tse 90
Nako ya go tlhakana ga e tshegadi le e tona ka bolekane
Dikgwedi tse pedi
Palo ya tse di nnye
2 go ya go 4 ya diphitsana
Mofuta
Diphologolo tseo di jang nama
Lelapa
Lelapa la diphiri tsa mosima le diphiri tsa mebala tseo di phelang ka nama
Pelego
Diphitsana tse 2 go ya go tse 4 di belegwa go tloga ka kgwedi ya Lwetse go ya go Moranang morago ga nako ya go tlhakana ga e tshegadi le e tona ka bolekane tse di ka nnang tse 2