Wild Hibiscus

© Roger de la Harpe

Leina

Wild Hibiscus

Latin Name

Hibiscus engleri

Ponalo

Wild Hibiscus ke e nngwe ya dijalo tsa Hibiscus dile mmalwa tse di bonalang ka dithunya tsa mmala wa lephutshe, mme di na le diphetale tse tlhano (5 large petals) le dikalana. Dijalo tse, ke ditlhatshana a bo sesanyane ka matlhare le dikala tse di bokgwakgwa. Matlhare a sone a lereto mme a na le matlhakore a a ‘toothed’, gape a aparetswe ke bobowanyana jo bo bokgwakgwa. Dithunya tsa sone tse di sebopego sa kopi di gasagane mo dikaleng tsotlhe tsa setlhatshana se. Gantsi di mmala wa lephutshe ka leitlho le le ntsho, dithunya tse di bonolo mme di ka nna sebaka sa letsatsi pele di onala.
Tse dintshwa dithunya mo mesong. Stameta le stigmas tsa tsone dimmopagane go tlhagisa letlhokwa le le sa tlwaelegang kwa bogareng ba sethunya se. Sethunya sa mmala o pinki le sone se tlwaelegile thata kwa mafelong a boitapoloso (Parks). Sejalo se se thunya gantsi ka paka ya selemo. Tse dingwe tsa dijalo tse tsa Hibiscus di tswa kwa mafatsheng a mangwe.

Bonno

Wild Hibiscus gantsi a mela mo mafelong a ditlhaga jaaka di’savanna, mme Hibiscus geb=nus e bonwa gotlhe mo continenteng.

Peo

Hibiscus e golagangwa that le sejalo sa ‘cotton plant’ mme dipeo tsa dingwe tsa mophato o di na le bobowa jo bo kareng silika mogo tsone.

Di-Field Notes

Gona le di’species’ di ka nna 50 tsa Hibiscus mo Afrika Borwa, mme di bonala kwa mannong a a farologaneng.
Dithunya tsa sone di dintle thata ka fa dikgatlha ditshenekegi dile dintsi jaaka dirurubele le dinotshi, mme seo se gogela dinonyane kwa go tsone ka gore tsone di rata go ja ditshenekegi tseo.