Welwitschia

© Thomas Schoch

Leina

Welwitschia [Welwitschia mirabilis]

Matseno

‘Ke kwa ntle ga potso gore ke semela se se di gaisang tsotlhe se se kileng sa tliswa mo nageng eno, le sengwe sa tse di maswê go fetisa.’. Seno ke phetolo ya Regius Keeper of the Royal Botanic Gardens, kwa Kew, ka 1863 fa a ne a fiwa semela sa Welwitschia mirabilis.
Dimela tsa Welwitschia mirabilis ga di a tlwaelega fa go lebilwe matlhare a tsona a magolo a o kareng mabanta mme a gola ka go sa emise go iphara le lefatshe. Mo botshelong jwa sone jotlhe, semela ka nosi se mela fela matlhare a le mabedi, a gantsi a phatlhogang go nna maphatlo a le mantsi kantlha ya phefo e e a betsang.
Dipatlisiso tsa Carbon-14 di supile fa dimela dingwe di na le dingwaga tse di fetang 1,500.

Thanololo

Welwitschia mirabilis ke semela se se farologanang go ya ka bong mme se tshela nako e telele, sena le thitô le moditona tse di khutshwane. Go tsweng fao, semela seno gantsi se tlhaloswa fa ‘se gakgamatsa’, ‘se sa tlwaelesêga’ kgotsa ‘se sa tshwane le dimela tsa mo lefatsheng’.
Thitô ya sona e e khutshwane e le logong mme e sena dikala e pagangwe ke matlhare a mabedi a o kareng mabanta botshelo jotlhe jwa semela, a a tlhogang mo mokokotlong wa semela (basal meristem), a a sokeletseng le go onala fa dingwaga-kgolo di ntse di feta.
Matlhare ka bobedi a na le diphatlhana tsa go hema (stomata). Thitô e e logong e atologa ka bophara fa e gola go nna papetlatsheko ya concave e e sephara se se ka fitlhang go mitara, e mo go yona go tlhogang dikalana tse di phatlhaletseng tse tiro ya tsona e leng go tshwara modula le dithôtse fela. Matlhogêla a a dikalana a tlhoga gaufi le thitô tsa letlhare.
Medula e mehibidu, e e tshwanang le ya Ephedra, e tlhoga ka ditlhotshwana tsa 2-3 mo kalaneng e le nosi. Ka setlwaedi, go tlhoga thôtse e le nngwe fela mo moduleng o le nosi e e tsewang ke phefo.

Mekgwa ya Letlhare

Matlhare a sone ke ona a a tshetseng nako e telele go feta a mangwe mo bogosing jwa dimela, ke bo motalafalelaruri, ka para e le nngwe mme ka kakaretso a le sephara a le sephaphathi. Letlhare le le sephara go feta otlhe le sa phatlhoga le mešara 179sm. Letlhare leno le ne le le boleele jwa 6 metres, mme 3.15 metres ya lona e ne e le togwa e e phelang.
Boalofatshe jo letlhare leno le bo khurumetsang bo thusa semela seno go falola bolelo jo bo mo mmung jo bo ka fitlhang bogodimo jwa 65°C. Le tshola mmu o o ka fa tlase ga semela o rurufetse ebile o le bongôla. Matlhare ka ngwaga a gola ka palogare ya 13.8sm. Ka jalo semela se ka tlhagisa togwa e e tshelang ya go fitlha 150 metres mo sebakeng sa kgolo
sa dingwaga di le 1,000.
Matlhare a palogare ya bokima jwa 1.4cm. Matlhare a a dulang mo boalofatsheng jwa motlhaba a thibela gape kgogolego ka phefo. Le mo phefong e e tsubutlang matlhare a a sephara a dula a tsepame mme a sa sute. Go hupa metsi ka diphatlhana tsa stomata go tshwanetse go kaiwa fa go kgatlhisa e le tota; mokgwa ono wa matlhare o netefaditse phalolo ya semela seno.
Diphatlhana tsa stomata di nna di bulegile go fitlha mouwane o apoga, le fa metsi a a phokafetseng mo matlhareng a elela, go hupa go go lekanang le metsi ano go a diragala. Go sa tshwane le dimela tse dingwe, diphatlhana tsa stomata tsa semela seno di a bulega fa go le mouwane mme di a tswalega fa go le mogote. Seno se tlhomamisa gore go se nne le metsi a a mowafalang mo mogoteng wa letsatsi.

Bodulo

Welwitschia e fela kwa sekakeng sa Namib, se eleng sengwe sa dikaka tsa kgale mo lefatsheng tse di omeletseng go gaisa, se anamela kwa dikarolong tse di kwa bophirima jwa Namibia go ikala le lebopo go fitlha kwa dikarolong tse di kwa borwa-bophirima jwa Angola. Kgaolo eno ga e bone pula mo dingwageng tse dingwe mme ka ngwaga, palogare ya pula ga e fete 100mm.
Tse dintsi di fitlhelwa 80km go tswa kwa lobopong mo karolong ya mouwane, go kaya gore mouwane ke motswedi wa metsi o o botlhokwa mo semeleng se. Matlhare gantsi a gola ka seelo sa 8-15cm/yr mo dimeleng tse di godileng, dingwe tsa tsona di fitlhetswe ka matlhare a a lekanang 1.8m ka bophara le 6.2m ka boleele, go kaya dingwaga tse di ka nnang 500-1000.
Bontsi jwa ditlhotlhomiso bo dirwa kwa Welwitschia Fläche, e leng lefatse la sekaka, le le ka nnang 50km kwa botlhaba jwa Swakopmund le botlhaba jwa makopanelo a dinoka tsa Khan le Swakop.

Histori

Semela sa ntlha sa Welwitschia se bonwe ke moitseanape wa dimela wa kwa Austria e leng Friedrich Welwitsch (1806-1872) ka 1860 kwa sekakeng sa Namib kwa kgaolong e e kwa borwa jwa Angola. Semela se thailwe leina ka Friedrich e le go tlotlomatsa patlisiso ya gagwe ya dimela e e atlegileng, le ka go nne ke ene a se boneng le go se kgobokanya pele.

Dr. Friedrich Welwitsch (1806 – 1872)

Friedrich Welwitsch o belegetswe kwa Austria kwa a dirileng sebakanyana jaaka montsha-megopolô wa theatre. Morago o ne a tshabela kwa Portugal kwa a simolotseng go dira jaaka mokokoanyi wa dimela.
Dingwaga di le mmalwa morago ga fao o ne a romelwa kwa Angola ke puso ya Portugal kwa a kokoantseng dimela di feta 5000 mo dingwageng di le 12 kwa nageng eo. Dingwe tsa dimela tseo di ne di le diša mo lephateng la science ka nako eo mme di ne di na le tshedimosetso e ntsi mme e le botlhokwa.
Fa a bowa go tswa kwa Angola, Welwitsch o ne a swetsa go dula kwa London gore a nne gaufi le Natural History Museum mmogo le Royal Botanical Gardens. O dirile koô go fitlhelela a tlhokofala ka 1872. Morago ga loso lwa gagwe puso ya Portugal (e e dueletseng dikokoanyo tsa gagwe) e ne ya isa batlhokomedi ba boswa jwa gagwe kwa ntlutshekong go leka go tsaya dikokoanyo.
Morago ga tsheko e telele, e e tsereng ngwaga tse 3, tumalano e ne ya fitlhelelwa – Puso ya Portugal e filwe mokowa wa ntlha wa ditshwantshiso fa Natural History Museum e filwe mokowa wa bobedi. Dr Friedrich Welwitsch o boloketswe kwa dirapeng tsa Kensal Green kwa London. Letlapa la lebitla la gagwe le kgabisitswe ka go kwadiwa Welwitschia.

Dintlha Tlhagiso

Go ne go dumelwa gore tsitsiri e e neng e dula mo semeleng sa Welwitschia – e e itsagaleng ka leina la Welwitschia Bug [Probergrothius sexpunctatis] – e ne e le yona e rwalang maikarabelo a go tulafatsa semela se, fela seno se ne sa ganetswa. Welwitschia Bug ga se khukhwana jaaka bangwe ba akanya mme ke tsitsiri ya nnete. E iphepa ka matute a semela sa Welwitschia.