Wandering Jew

Leina

Wandering Jew

Leina la se Latini

Commelina Livingstonei

Ponalo

Wandering Jew ke nngwe ya di ‘prostrate perennial herb’; thito ya sone di na le di-interndes, swollen nodes tse di tswang mo go tse di kwa tlase. Matlhare a sone a fapafapana. Dithunya tsa sone dibotsatsa mme se tlhagelela sebaka sa diura dile mmalwa fela.
Go ka tlhagelela tse pedi kgotsa tse tharo ka sebaka mme di tsa mo sephthelwaneng sa inflorescence. Wandering dew a thunya ka paka ya dikgakologo, mme ka dinako tse dingwe se ka thunya fa e le gore dipula di teng. Mmudi wa sone o dirisetsiwa mereana ya batho ba Afrika Borwa.

Bonno

Wandering Jew e fitlhelwa mo mafelong a a nang le ditlhaga a a bulegileng, jaaka kwa Northern Province le kwa Kruger National Park.

Di-Field Notes

Go na le dimela dile dintsi tse di itseweng ka leina la ‘Wandering Dew” le tsone. Lefoko le le kaela naane kaga monna wa mojuta o a neng a loyilwe go tsamaya lefatshe lotlhe go ya goile kaga e ne a tlontlolla Jeso mo tseleng ya go yo bapolwa mo sefapanong.