Go diragetse ka ponyo ya leitlho, batho ba ka nna 1300 ba emella mo ditulong tsa bone kwa Linder Auditorium, kwa Unibesiting ya Witwatersrand, kwa Johannesburg, ga monna wa tlhogoputswa a apere diaparo tse dilefitshwana a pagama serala mme a tlhotsa. Ka fa letlhakoreng la gagwe ene ele mosadi wa gagwe a mo tshotse ka letsogo, mme ka fa letlhakoreng le lengwe ana le mothusi yo mongwe a motshegeditse. Magofi a opa ka bonako mme a lelela kwa godimo.
Monna yoo ene ele Nelson Mandela yo a neng a tlile go bulela sebui kwa Thutong ya botlhano ya Nelson Mandela. Sebui se ene ele monna yo a kileng a le “motsamaise wa lefatshe” fa a ne ale Mokwadi Kakaretso wa United Nations (UN) sebaka dingwaga dile lesome, Kofi Annan.
Bareetsi bane ba le fao, bontsi ba bone ele ba Afrika Borwa, ba ne ba tshwana le ‘Rainbow Nation’ e Mandela a e gorositseng mo setshabeng ka 10 Motsheganong 1994, fa a ne a tsaya setulo sa Mopresidente wa ntlha wa motho montsho, wa Afrika Borwa. Bareetsi ba bile ba utlwella mafoko aga Rre Annan bosigong joo, mme ka nako e, bane ba itumeletse Rre Mandela.
Mandela, a le mo botsofeng ba gagwe, a ne a fetsa go keteka letsatsi la gagwe la bo 89 la matsalo, le segakolodi sa bo9 sa lenyalo malatsi aa mmalwa aa satswang go feta, a lebogela kamogelo ya magofi ka sekano sa gagwe se se tlwaelegileng ebong monyenyo oo mofuthu le go emisa lebogo lele esi kwa godimo.
Ditiragalo tsa bosigo joo, bone bo aparetswe ke bontsi ba dikakgolo le megolokwane makgtlho a ka nna mararo fa Mandela a pagama serala gape go bulela sebui se sengwe mme a boele kwa sedulong sa gagwe, morago ga gore Annan a fane ka pono ya gagwe ya Afrika, a fologa serala.
Ga gona modiragatsi yo a boneng di’ovation dile nne ka bosigo jo bo esi – motlhomongwe a ka bona ele esi kgotsa tse pedi – mme fano re bona tse nne kaga monnamogolo wa monyenyo o mofuthu. Aa gofeteletse? Nnya, eseng mo lefatsheng le monna yo a faneng ka bokgoni ba gagwe, boganka ba gagwe ga mmogo le bonolo le kutlwelobotlhoko go thusa go bona neelano ya puso ka kagiso, go tswa go puso ee kgopo mo go bale bantsi ka fa tlase ga kgelelo ya yone. Bontsi bare se ke motlholo.
Afrika Borwa e ne ele kwa letshitshng la ntwa ya selegae ee batlileng e simologa ka thoto ee ka tukang ga mongwe aka tshuba mokgwaro mme ya thunya ka bobe, mathat le tshenyo ee kgolo.
Ke fa Mandela a goroga ka lentswe la gagwe le le iketlileng go thusa. Kwa morago ga dingwaga dile 27 tsa kgolegelo, o kabo a dirisitse matla aa boneng go ka iuseletsa mogo ba baneng ba busa pele. Mme o kgethile poelano le go phedisana ka kagiso mme a rotloetsa bale bantsi gore eo ke yone fela tsela ya go ka tswelela kwa pele.
Ke nnete gore neelano ya puso e diragetse ka thuso yaga Rre F.W. de Klerk, mme kwa ntle ga Nelson Mandela le mowa wa gagwe wa kakaretso, go senka kagiso ga gagwe le boetapele ba gagwe, go kabo go sa diragala.
Kwa ntla ga gore botlhe bane ba tlhompha dingwaga tsa gagwe le mowa wa gagwe wa poelano, bareetsi bane ba tlotlomatsa boineelo ba gagwe mogo kagisong, le ngongorego ya gagwe ka setlhopha sa batho ba seng bantsi.
Translated by Ikalafeng Maedi