Ka nako ya go busa ga Shaka le batlhatlhami ba gagwe, kgolo le maatla a setšhaba di ne di ikaegile ka thulaganyo ya sesole sa MaZulu le bokgoni. Sesole se ne se rulagantswe go ya ka thulaganyo ya ukubuthwa (go akarediwa) e thata e neng ya tlogela meetlo ya go rupa.
Go ya ka thulaganyo, mongwe le mongwe a beewa ka dingwaga, ke gore ke setlhopha sa bašwa ba banna ba ba leng mo dingwageng tse di lekanang, ba tsenngwa mo mophatong (ibutho bongwe, amabutho bontsi).
Ukubuthwa gape go ne go dirisiwa mo basetsaneng, mme mo mabakeng a le mantsi ba ne ba wela mo dingwaga tse di beilweng e seng mophato. Amabutho o ne a robadiwa kwa mafelong a sesole (ikhanda bongwe, amakhanda bontsi) go ralala bogosi, bao ba neng ba le ka fa tlase ga taolo ya leloko la losika le leng gaufi le kgosi kgotsa mongwe yo o tlhophilweng ke ena. Mafelo a bosole a ne a na le thulaganyo e e tshwanang le ponalo go bapisa le umizi o o tlwaelegileng, mme mo ka bogolo jo bo kgolo thata.
Mo godimo ga ditiro tsa sesole, izinsizwa (banna ba bašwa) ba ne ba na le seabe mo go baakanyeng le go tlhokomela mafelo a sesole le bonno ba kgosi mme ba ne ba bidiwa go dira ditiro ma mafelong a bona a sesole a bona le bonno ba kwa kgosing. Ba ne ba dira jaaka batlhokomedi ba motlhape wa bosetšhaba, baromiwa ba kgosi le mapodisi a selegae, mme gape ba ne ba tlhokomela kumo ya lelapa la kwa kgosing.
Karolo e e botlhokwa ya thulaganyo ya sesole e ne e le gore ka dinako tsotlhe go ne go na le banna ba ba leng mo pakeng ya katiso ya sesole mme ka jalo go ne go le bonolo mo go kgosi go kokoanya mophato o o nonofileng wa sesole ka tsiboso e khutswane.
Mekgwa ya go lwana e e neng e dirile ke Shaka e ne e le ya diphetogo mme e nnile le seabe se se botlhokwa mo tlhatlosong ya maatla sesole sa MaZulu le sepolotiki. Sa ntlha se Shaka a se dirileng ke go fetola mekgwa ya setso ya go lwana. Pele ga puso ya gagwe, masole a kemokgatlhanong ba ne ba dirile mola mme ba konopa marumo a bona kwa go mongwe l-e mongwe.
Shaka o tlhagisitse go lwana ka bogaufi ba seatla-go ya-seatleng ba dirisa magare a matelele, marumo a thobane a khutswane a go tlhaba. O ne a fokotsa dithebe go nna tse khutswane tse di kgonang go laolega mme a katisa banna ba gagwe go dirisa dithebe tsa bona go tshwara thebe ya mogaisani wa gagwe mme a e kgaphele kwa thoko, ka jalo a ntshitse letlhakore la gagwe la ka fa molemeng go lerumo la batlhabani la MaZulu.
Shaka gape o tlhamile togamaano ya go tlhoma mogopolo mo go lwantsheng e e tshwanang le tlhogo ya nare. Mo bogareng kgotsa 'mo dikgareng' e ne e le bontsi jo bo bogolo thata ba banna, se se nang le batlhabani ba maitemogelo go feta. Ba ne ba romelwa ka ditlhopha tse pedi tse di bapileng, gore masole a mo pele a ka kgotlhana le mmaba, fa ba ba kwa morago ba tla nna ba fitlhegile go bonwa.
Togamaano sa ntlha e ne e rulaganyeditswe go tsietsa mmaba mo go dumeleng gore ba ne ba thibelwa ke mophato monnye, mme sa bobedi gore masole a a neng e tshwerwe kwa peeletsong ba ka kgona go tiisa kwa pele fa go tlhokega. Jaaka fa ba tla bo bale foreše, ba ka kgona go kgona go sianisa mmaba ba ba leng kwa kgakala ba ba boelang morago.
Ba ba tswang mo dikgareng e ne e le dinaka di le pedi tseo mosola wa tsona e ne e le go dikaganyetsa mmaba. Fa ba tlhasela, mokgwa wa tlwaelo e ne e le go tlhagelela ka lenaka le le nosi, fa le lengwe le ne le iphitlhille mo sekgweng le bojang jo botelele mme ba ka feela mo tikologong le go dikaganyetsa mmaba. Maano a a supilwe go nna lebaka le le botlhoka thata la go oketsega ka lebelo ga puso e e maatla ya MaZulu.
Fa mophato o ne o setse o konoseditse lobaka lo lo rileng lwa tirelo go kgosi, e e neng a ka fitlha go dingwaga di le 10, kgosi e ne tla laela gore maloko a a rileng a dingwa tse di beilweng a ka nyala mme ba ka loga sediko sa tlhogo. Dipholo tse dingwe tsa go laola dingwaga tse banna ba ka nyalang e ne e le go boloka tekatekano fa gare ga kgolo ya setšhaba sa MaZulu fa gare ga bontsi jwa batho le metswedi e e leng teng.
Translated by Lawrence Ndou