Ka bo1890 dipolase tsa kwa Nagafatsheng di ne siametse go feta ga nnye go tsoma le temothuo ya go itshedisa, le beng ka bonako ba ne ba di rekisia baakanyi ba ba batlang diminerale. Babue ba Setsonga mo tikologong ba ne ba duelwa madi a bo nna mo go baakanyi ba ba seng gone; fa bang ba ne ba dira kwa dipolaseng, bahiri ba duela go ya ka mofuta wa (ka gale bontlhanngwer ba thobong) kgotsa le badiri (go fitlhela dikgwedi di le thataro ka ngwaga). Jaaka tlhotlhwa ya lefatshe e tlhatloga, le dikarolo tse dikgolo tsa Nagafatshe di ne di tlositswe malaria le bolwetsi ba go robala, bahiri kwa dipolaseng ba ne ba patelesega go nna badiri kgotsa go tloga mo polaseng.
Ba kganelwa ka melao ya bukana ya boikitsesi go ya kwa ditoropong, malapa a mantsi a a neng a beeleditswe bonno ba maAforika. Mme gape ba ne ba tlosiwa fa matsholo a ‘tokafatso’ ka bo1940 a ne a batla go kopanya manno a a phatlaletseng go nna metsesegae e megolo, ba aga go kgaoganya tshimo ya go ja le ya go lema.
Ka dingwaga tsa bo1960 le 1970 baagi ba ne ba kagogantswe jaaka malapa a ne a hudugisiwa go ya ‘nagamagaeng’ ya Batsonga ya, Gazankulu. Lekgetho le baagi ba ba fetang tekano go dirile batho gore ba ikaege thata mo go badiri ba bafaladi. Se se tlhodile gore banna ba tlogele malapa a bona dinako tse ditelele, mme gompieno le basadi mo mafelong a dinamagaeng ba batla tiro ya nakwana mo dipolaseng tse di gaufi. Go kopantswe le go tlhabololwe ga botshelo mo metsengselegae, tlhaselo e e telele mo thulaganyong ya lelapa go dirile gore go nne le mathata a le mantsi: nnotagi, AIDS, go ima ga baša le botlhokatiro di kwa godimo.
Bonno ba setso ba Batsonga (muti), bonno bo bo tlwaelegileng, bo na le monna, mosadi wa gagwe kgotsa basadi, bana ba bona le malapa a basimane ba bona ba nyetseng. Kago ya matlo, a kgolokwe le mabota a lefatshe kgotsa a motsu wa thaba a a nang le marulelo a bojang kgotsa a letlhaka, bo bontsha gore tshimologo ya bona ya Botsonga. Fa thulaganyo ya muti e farologana go tswa mo karolong go ya go karolo, tsotlhe di abelana dintlha tse di rileng.
Bonno gantsi bo sediko le molelwane wa lebota kgotsa legora, tse di dirilweng go tswa mo makaleng le dikutu tsa ditlhare. Mo gare ke lesaka la dikgomo (xivaya kgotsa tshanga) go bapa le kgoro e kgolo (eo batho ba ba sa itseweng ba ka e dirisa) mo kgaolong ya botlhaba ya bonno. Matseno a mangwe a isa kwa ditshimong le kwa mafelong a metsi a a dirisiwang ke maloko a muti.
Bonno mosadi yo o mogolo (yindlu lonkulu) e kwa morago ga xivaya kwa ureng ya 12, mme tsa basadi ba bangwe di e dikaganyeditse. Mongwe le mongwe o na le lefelo la gagwe la go apaya, mo ntlong ya bojang kgotsa lefelo le le go thibeletsweng ka matlhaka, letlapa kgotsa lebota la lefatshe. Yindlu lonkulu e ne e na le sefala, gantsi lefelo le le nnye le le emisitsweng mo dikoteng.
Bana ba ne ba agetswe kwa thoko go ya ka bong - basetsana sentle mo gare ga muti le basimane fa gare ga kgoro e kgolo le xivaya. Lefelo le le kgethegileng (huvo), go le gantsi e tswaleletswe ka dilkutu le dikalana mme e ntse ka fa tlase ga setlhare, e dirisiwa ka nako ya dikopano; karolo e nngwe (gandzelo), e ka nna gongwe le gongwe mo muti, ke ya mabaka a ditlhabelo. Vandla, e ka nna ka fa gare kgotsa kwa ntle ga muti, ke fa banna ba kopanang le go buisana ka ga botsamaisi le merero ya muti. Ga go na le mosadi gotsa ngwana o a letleletsweng mo kgaolong e.
Bolaodi mo lelapeng bo ikaegile ka rre, yo a tsholwang ka tlotlo e kgolo ke mosadi wa gagwe le bana. Mo lelapeng le le atolositsweng, boemo le maemo a basadi di laolwa ke thulaganyo e ba nyetseng ka yona. Mosadi wa ntlha (nsati lonkulu) ke mosadi o mogolo; o na le boemo bo bo kwa godimo le maemo mme o tshwanetse go nna a neetswe one ka ntlha ya tlotlo ke ba bangwe. Boemo le maemo le tsona di neetswe bana mme di tlhomamisiwa ke maemo a bomme ba bona. Boemo, maemo le bong di tlhomamisa dikamanano mo gare ga bomonnao botlhe. Mo godimo ga moo, melao ya boitshwaro, maikarabelo, ditiro, ditshwanelo le ditshiamelo di gone ka molawana wa maitsholo a ngwana mongwe le mongwe a tshwanetse go a ela tlhoko.