Soles

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Soles

Leina la Maranyane

Soleidae

Semeto

E ka nna 30 cm.

Ponalo

Mmele wa yone o sephaphathi mme o na le sebopego sa letlhaka. E aparetswe ke megatla ya mokwatla, sefuba le letheka kwa matlhakoreng otlhe go fitlhella kwa mogatleng wa kwa morago. Mebala ya tsone e a farologana.
Di na le mmala wa santa ka mmala wa borokwa, bontsho, lephutshe, kgotsa dibata (blotches) tsa botala ba legodimo, kgotsa mela le ditsubaba go e thusa ka go iphitlha. Ga e bonale mmala ka fa tlase ga yone.

Dikitsiso

Lelapa la Soleidae le na le mephato e le 27 ka dibopiwa dile 135. Di nna kwa tlase mo lewatleng (Bottom dwelling). Ga ditsalwa di bonala di na le matlhakore a a lekanalekanang (Matlho a tlhagela kwa matlhakoreng a tlhogo), mme fa larvae e sena go nwelela kwa tlase leitlho la ka fa molema le suthelela kwa godimo ga tlhogo ya yone.
Di rata go ikepela ka fa tlase ga santa gore di kgone go lalela setlhabelo sa tsone. Di tsala ka go tshela mae mo metsing fa a sena go nanafatsiwa ke e tona

Dijo

Di fepa ka ditlhapi tse dingwe le di-invertebrates.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Moses sole - Pardachirus marmoratus
Peacock sole - Pardachirus pavoninus
Sand tonguefish - Cynoglossus capensis