Seeplakkie

© Roger de la Harpe
Seeplakkie.

Leina

Seeplakkie

Leina la se Latini

Scaevola plumieri

Bonno

Se gola mo matshitshing a lewatle fa e tisang mmu teng.

Ponalo

Sejalo sa Seeplakkie ke sejalo se sennye, se se botala ngwaga otlhe. Se na le dikalana ka matlhare a a tiileng, a a ‘waxy’, a a bokgolokwe. Dithunya tsa sone di dinnye, ka mmala o mosweu, mme di batlile fi tshwana le ‘fern’ ka sebopego. Se mela maungo a mannye a a tsshwanang le moretlwa, a a nnang phephole fa a budule. Ka semeto: matlhare a sone a 40mm, fa setlhare se sone se le 1m ka botelele.

Species se se tshwanang nayo

Salsola nollothensis (Port Nolloth kwa bokone) ke modiri o mogolo wa di’hummock dunes’ kwa matshitshing a Namibia a komolelo. Ka gore se sokola ka go bona metsi a lekaneng, go gasiwa ke metsi a a letswai a lewatle, mogote le santa e e suthasuthang, se na le thito kgotsa kalana e tiileng, ya legong e e naang le dikalana tse botshibidu, le matlhare a mannye a a mopaganeeng mo go one a mmala wa silifera.

Di-Field Notes

Seeplakkie se thusa go tiisa mmu wa santa o o sutasuthang ka mmedi ya sone e mentsi mme e aga ditotomana mo santeng (hillocks). Letlalo la matlhare a sone a bokima mme a thusa go somarela metsi a semela se.