Sea Urchin

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Sea urchin

Leina la Maranyane

Echinoidea

Semeto

E ka nna 36 cm, fa bontsi bo ka nna 12 cm

Ponalo

Bontsi bo na le mebele e e kgolokwe ka sekgapha sa Calcium Carbonate. E aparetswe ke dimmitlwa tsa boleele le bokima jo bo farologaneng. Mmala wa tsone o ka nna bontsho, botala ba legodimo, botala ba tlhaga, bosweu le mmala wa namune le boshibidu.

Dikitsiso

Mophato wa Echinoidea o wela ka fa tlase ga Echinodermata phylum, e e akaretsang di’stars (Sea, Feather le Brittle) le Sea cucumber. Mebele ya tsone tshwana le kgolokwe e e lekalekaneng (Jaaka di spoukse tsa bebili la baesekele).
Di tsamaya ka maoto a mannye a ditshupu aa maparelang. Di ka bonwa kwa mafikeng a lewatle kgotsa di ikepetse mo santeng ya lewatle(Sand dollars). E ka gobatsana thata ka noko e e ka tlhabang mme e robegele mo setlhabelong mme e dire ntho e e botlhoko ka fa e ka tsenya bolwetse.

Dijo

E fepa ka algae (go fula) le detritus.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a lefatshe, kwa mafelong a mogote le dipula.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Flower urchin
Toxopneustes pileolus
Needle urchin
Diadema setosum
Slate pencil urchin
Heterocentrotus mammillatus