Sandwich Tern

Leina

Sandwich Tern

Leina La Se-Latin

Sterna sandvicensis

Lelapa

Rynchopidae

Tulo

E kwa lobopong, e phela ka ditlhotshwana, e ja kwantle-nyana fela ga lobopo mme e ikhutsa kwa lotshitshing.

Modumo

Modumo o o makgwakgwa o le godimo wa ‘kirrrik-kirrik’.

Thanololo Ya Tse Kgolo

E kgolo thata mo go Tern e e tlwaelegileng, mokokotlo wa yona o tswapogile go feta wa di-Tern tse dingwe tse di lekanang le yona. E farologana le Gullbilled Tern ka tebego ya bosesane le molongwana o moleele o le mosesane gape o le montsho ka ntlhana e e serolwana.

Boemo

Moeti wa selemo o o tlwaelegileng.

Kanamo

E kwa bophirima le botlhaba jwa Atlantic e fudugela borwa. E fitlhwelwa go dikologa mabopo a rona, go fitlha bokone jo bo kwa kgalala jaaka Mozambique.