Red Hartebeest

© Shem Compion

Leina

Red Hartebeest (Alcelaphus buselaphus caama)

Ponalo

Red Hartebeest ke phologolo e tona ya mmala oo botshibitswana le mokwatla oo elelang ka sefatlhego se se sesana ka boleele. Tsedi to tona le tse dinamagadi di na le manaka aa nang le direng tse dintsi.
Go mefuta ele 12 e e itsiwweng mo Afrika mme Red Hartebeest key one fela e e bonalang mo Afrika Borwa. Ga e sale di busediwa go di-game farm le di-nature reserve e simollotse go bona phatlhalatso ee atileng gaesale.
Dipoo tse ditona di ka nna le bokete ba dikilograma dile 150 ka semeto sa dimitara dile 1.3 go fitlha kwa magetleng fa ee namagadi e ka bona bokete ba dikilograma dike 120.

Dijo

Red Hartebeest ke phologolo ee fulang mme e rata ditlhaga tse diteletsana tse di senang go gola morago ga di-veld fire le pula.

Tsalo

Morago ga dikgwedi dile robedi tsa go go ima pholo e tsala namane ele esi fela. Se se diragala pele ga nako ya dipula tsa selemo. Morago ga go tsalwa, dinamane difitlhiwa mo ditlhageng tsa naga pele dika kopantsiwa le tsedingwe mo letsomaneng.

Mekgwa

Territorial bulls often present themselves on prominent mounds and mark their territories with dung piles. The Red Hartebeest is swift on foot and gregarious, Letsomane le ka nna le dipholo dile 30.
Dipoo di itlhagisa ka go ema mo dototomeng tse dikgolo mme di tshwaya mafelo a tsone ka go tlogela ditotoma tsa boloko jwa tsone mo lefatsheng la yone. Hartebeest e matlhagatlhaga thata mme dirata go phela ka ditlhopha tsa dile 30 ka setlhopha.

Kwa di Boniwang kwa Teng

Phologolo tse di bonwa kwa mafelong a komelelo jaaka sekaka sa kwa Namibia, Kalahari, borwa jwa Botswana le kwa bokone-bophirima jwa Afrika Borwa.

Di-Field Notes

Go dumelwa gore leina le la “Hartebeest” le ne le kaela sebopego sa manaka a yone fa a le “Heart-Shaped”. Mme fela tsitsinyo e e amogelegang gompieno ke ya gore leina la yone le tswa go lefoko la se-Dutch e leng “Hert” le le kayang Pholo le “Beest” le ka se-Dutch le kaya gore phologolo e e mabifi Lefoko le “Hartebeest”le ne le dirisiwa ke maburu a bogolotala, ba ba neng ba ithaya gore phologolo e e thwana le Pholo. Hartebeest ke lefoko la Afrikaans go reela Hertebeest.