Pyjama Flower
Sethunya sa Pyjama Flower

Leina

Sethunya sa Pyjama Flower

Leina la se Latini

Androcymbium melanthioides

Ponalo

Sethunya sa Pyjama Flower ke more o o melang ngwaga otlhe (perenial); kalana ya modi wa yone kee ‘corm’ e nnye, mme e ka nna 1.5cm ka bokima (diameter). E mela matlhare a mararo a a lekanang mo go dimo ga mmu le e matlhare a mannye (bracts) a matlhan kgotsa a marataro a a phephole kgotsa bosweu a a nang le mothalo/tselana tse di botala a a phuthelang tlhogo ya yone e e nang le dithunya di ka nna thataro.

Sethunya se ga se bonale bonolo, mme mogwe a ka e wela ka tshoganyetso jaaka waterlily e e melang kwa tlase, gaufi le lefatshe. Lelomo le le thunya ka Phukwi-Lwetse.

Manno

Pyjama Flower e mela mo mafelo a komelelo, a a nang le matlapa a a nang le ditlhaga mme a bulegile.

Di-Field Notes

Sethunya se, se itsege ka leina la “Little Men in a boat” ka lebaka la sebopego dithunya tsa sone.
Sethunya sa Pyjama Flower se bonala mo Afrika Borwa, kwa mafelong a a akaretsang Kapa Botlhaba le Kapa Bophirima, Kwa-Zulu Natal, Orange Free State, mme kwa gongwe re e bona kwa Namibia, Botswana, Zambia le Zimbabwe.