Pelego ya Ngwang ya Setso ya SeZulu

© Dr Peter Magubane

Banna ga ba a Letlelelwa

Pelego ya ngwan mo gareng ga MaZulu e ne e le matshwenyego a basadi fela, mme banna ba ne ba sa letlelelwa go nna teng ka nako ya pelego. Babelegisi ke basadi ba bogolwane ba umuzi ba ba setseng ba fitile mo dingwageng tsa go tshola bana.

Morago ga bana ba sena go belegwa, ba a tlhapisiwa mo umsamo (karolo e e boitshepo kwa morago ya bonno) ka metsi a a tsentsweng melemo le inte/ezi (melemo e e kgethegileng), mme morago ga moo 'ba diriwa go nonofala' ka tshegetso ya maemo a tirelo le tiriso ya melemo e e matlafatsa.

Le gompieno, bobedi bomme le bana ba santse ba kgaogantswe, mme gantsi go fitlhela go mohuba o wela. Ka nako e bomme ba tsewa ba se 'phepa' mme ba ka nna kotsi mo badimo ba banna ba bona mo 'bonnong’.

Ga ba letlelelwa go ama didiriswa tse di tlwaelegile mme ba ne ba tshwanetse go ja dijo tse di rulagantsweng ke babelegisi, mo sejaneng se se kgethegileng, ka go dirisa leswana le le kgethegileng.

Kgaoganye e ka nna gone fo fitlhela matsatsi a a ka nnang a mnatlhano go ya go a lesome, morago ga moo mme o ne a tla phepafadiwa: o ne a tshwanetse go gaswa ka intelezi pele fa a ka simolola botshelo jwa gagwe gape.

Bonno bo ne bo tshwanetse go phepafadiwa sentle, boloko ba kgomo bo bo foreše bo ne bo tshwanetse go tshasiwa fa fatshe le molelo o tshomiwe mo sebesong. Morago ga seno, monna o ne a ka tsena go bona ngwana wa gagwe lwa ntlha, le fa gompieno borre ba e leng badiri ba bafaladi ga ba kgone go nna gae ka ditiragalo tse. Bojalwa bo a titielwa go keteka le go leboga babelegisi. Tiragalo eno e ka dirwa gape fa rre a tla gae go tswa kwa toropokgolong go kopana le ngwana wa gagwe.

Translated by Lawrence Ndou