Majang, gape a bitswa monocot kgotsa dijalo tsa matlakala a masesane, ke karolo e botlhokwa ya mafulo. Fa a tlhlakantwe le menawa mo mafulong, majang a ka fokotsa kgonagalo ya pipitlelo fa diphologolo di fula mafulo.
Majang gape a fokotsa kgolo ya mefero, a ka thusa mafulo go kgotlelela mariga le go neelana ka bokana bna kuno bo bo siameng. Tlhopho ya bophara ya majang e raa gore go na le bojang bo bo maleba mo maemong a fe kgotsa afe a bosa le mokgwa wa botsamaisi.
Mjang a ka arolwa ka mo majaeng a melang kwa boboatsatsi kgotsa majang a melang selemo le thempheretšha kgotsa majang a setlha se tsiditsana. Kopa khamphani efe kgotsa efe ya peu ka kaelo ya majang a gaisang a mafulo ao a ka mediswang mo tikologong ya gago le mo mofuteng wa mmu wa gago.
Majang a ntshang puno e kgolo go fetisa le kgolo mo dilemong tse di bollo a bitšwang majang a melang ka selemo e bile ka tlwaelo a jadilwe mo mafelong a bollo a dilete tsa Aforika Borwa.
Bojang ba selemo bo bo bopang leodi
Majang ao a seng a maleba mo phulong e bokete mme a na le tshilego e kwa tlase. Tshilego ke selekano sa dikotla tseo phologolo e ka di dirisang go tswa mo phulong. Dikao tsa mabjang a bopang leodi ke bojang ba lerato bo bo lelang (Eragrostis curvula), phulo ya leruri le bojang ba nare bo bo lwesang komelelo go fetisa (Cenchrus cilliaris) le mefuta ya diphedi tsa bojang ba monwana jaaka bojang ba monwana ba Smuts (Digitaria eriantha).
Bojang ba lerato bo bo lelang bo maleba mo mmung wa esiti o o montsweng sentle ka pH ya 4 - 7. Bojang ba nare bo rata mmu wa pH ya 7- 8, bo mela mo mmung wa motlhlaba kwa nageng mme bo masisi mo go alaminiamo le mankanese. Bojang ba monwana ba Smuts bo mela mo mmung o o seng boteng wa matlapa le mmu wa motlhaba ka pH ya 6 - 7 fela bo a kgaratlha mo mebung ya monono o o kwa fatshe. Bojang ba Rhodes bjo bo golang ka lebelo bo tlwaetse sentle mo maemong a mefutafuta mme a ntsha dikuno tswa kwa godimo go tloga ka ngwaga wa ntlha wa go jala. Bo tswakane sentle le bojang ba monwana ba Smuts.
Bojang bo bo namang
Mefuta e ya bojang e boela sentle mannong ka morago ga phulo e boima e fela, ke mofuta wa bojang ba tlwaelo ba go mela ka selemo, e na le tshilego e kwa fatshe. Dikao tsa mefuta ya bojang bo bo anamang bo akaretsa kikuyu – bo bo ratang mebu e nonneng - gammogo le kgotlelelo ya komelelo le bojang ba go kgokaganya mmu bhai kgotsa bojang ba mefuta ba naledi (mefuta ya ditshedi ya Cynodon).
Dijalo tsa thempheretšha tsa phulo di mela maleba ka nako ya ditlha tse di tsiditsana, tsa si jaaka dikgakologo le letlhabula. Majang a a nna a le matala mariga, a ka kgotlelela serame e bile gantsi a silega go feta majang a melang ka selemo.
Majang a dithemphetšha a tlhamang leodi
Tlhopha bojang bo bo siametseng bothata ba go fula ba diphologolo tsa gago. Sekao, bojang ba mabele bo bo nnang bo le teng ngwaga otlhe bo ka kgotlelelang phulo e bokete, fela bojang ba leoto la mokoko bo mela botoka fa bo futswe ga nnye. Bojang ba mabele ba Mantariana bo ka fulwa nako e telele go feta bojang ba mabele ba Westerworld. Bojang ba mabele jaaka sejalo sa phulo bo tlhoka naetrojene le metsi a mantsi.
Matlhokwana a matelele a siametse mmu e kolobileng thata le dinaga tsa motlhaka le go ka kgotlelela mmu wa esiti. Leoto la mokoko (Dactylis glomerata) le monate thata. Bojang bo bo ka kgotlelelang mafulo a fulwang bokete mme bo ka mela sentle mo mekgokoloseng e ka borwa le mafelo a meriti, a siametseng go jala meterebe le dirapa tsa maungo.
Translated by Lawrence Ndou