
Madiba O Dikaganyeditswe ke Mekaubere
O dikaganyeditswe ke mekaloba Mike Tyson, Nelson Mandela, Don King, ratorôpô wa New York David Dinkins le Joe Frazier.
O dikaganyeditswe ke mekaubere. Nelson Mandela o bonwa fano le (go tswa molemeng) rramabole Mike Tyson, morulaganyi wa tsa mabole Don King, rratoropo ya New York David Dinkins le rramabole yo o fentseng gauta kwa di-Olympic Joe Frazier. O ne a nna le tshono ya go kopana le bona ka loeto lo a le tsereng go ya United States morago ga go gololwa kwa kgolegelong ka 1990.
Mandela e ne e le rramabole wa mokauta fa e ne e le moithuti kwa Fort Hare University, mme ke fela fa a ne a ya go dula kwa Johannesburg fa a ne a tsaya motshameko ono ka boammururi. ‘Ke ne ke se rramabole yo o gaisang. Ke ne ke sena maatla a a lekaneng go thiba tlhokegô ya lobelo ya me kgotsa lobelo lo lo lekaneng go ka thiba tlhokegô ya me ya maatla. Ke ne ke sa natefelwe ke tiriso-dikgoka ya motshameko wa mabole jaaka ke natefelwa ke maranyane a ona. Ke ne ke kgatlhwa ke ka moo mongwe a tsamaisang mmele wa gagwe go itshireletsa, ka moo mongwe a dirisang leano go ka tlhasela le go boela morago.’
Motshameko wa mabole o na le tekatekanô. Mo mosakong, maemô, dingwaga, mmala le khumo ga di kaye sepe. Ga ke a ke ka nna le ntwa ya mannete morago ga gore ke tsene tsa polotiki. Kgatlhego ya me e kgolo e ne le kwa ikatisong; ke bone fa ikatiso e e tseneletseng e le sentsha-ntle se se siameng sa kgagamalô le kgatelelô ya tlhaloganyo.’
‘Morago ga ikatiso e e tseneletseng, ke ne ke ikutlwa ke le motlhofo mo tlhaloganyong le mo mmeleng. E ne e le tsela ya go itsepamisa tlhaloganyo mo sengweng se e seng kgaratlho ya sepolotoki. Morago ga phirimane ya ikatiso ke ne ke tsoga moso o o latelang ke ikutlwa ke le maatla ke ntšhwafetse, ke ipaakanyeditse go lwa gape.’
“Lo ka nna tshika eo e e gaisang. A go gaisa ga gago go thunye.” ~ Nelson Mandela

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....
more
Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...
more
Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....
more
Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...
more