Kudu Lily

© Roger de la Harpe
Kudu Lily.

Leina

Kudu Lily

Leina La Se-Latin

Pachypodium saundersii

Thanololo

Kudu Lily ke setlhatshana se sê matute ka thitô e ê rurugileng le matlhare a a lepeletseng a a rweleng mebitlwa. Matlhare a botala jo bo tshutshumang ka mmala, ka masitlhare a a makhubunyana. Thunyô ya Kudu Lily e ka dikgakologo mme dithunya tse tshweu di a tlhoga.

Tulo

Kudu Lily e fitlhelwa kwa dithabeng tsa Lebombo le dikgaolo tse dingwe tsa KwaZulu-Natal le Mpumalanga – le kwa dinageng tsa boagisanyi tsa Swaziland le Zimbabwe.

Dintlha Tlhagiso

Jaaka semela seno se golela ka bonya, ke bomadimabe go sona ka ge tikologo ya sona e senyiwa ka ntlha ya tsenelelo ya batho. Ga se kgone go tlwaela phetogô ya seêmô ka bonako mme kwa mafelong mangwe se nyeletse.
Kwa ntle ga bontle jwa yona jo bo matsetseleko, ga e na mosola go motho. Tota ebile e na le botlhole jo bo bakang kotsi go diruiwa.