Kori Bustard
Kgôri

© Nigel J Dennis
Kori Bustard.

Leina

Kgôri

Tebego

Kgôri ke nonyana e e fofang e e bokete go di feta mo Afrika mme bokete jwa yona bo ka fitlha go 19kg. Ke nonyana ya fa fatshe ya molala o moleele le leoto le le leele le le nang le menwana e meraro ka mafofa a mmele a a borokwa kgotsa tshetlha. Matlhakore a korone mo tlhogong a fetelela kwa moetseng o montsho. Gona le mothalo o mosweu fa godimo ga leitlho lengwe le lengwe.
Seledu, kgokgotso le molala di bosweu jwa lobebe jo bo kopantshitsweng le mela e mentsho. Kwa tlase ga nonyane eno ke mmala wa serolwana se se borokwa ka manyokenyoke a a borokwa jo bo tseneletseng. Mogatla o na le methalo e e sephara e e borokwa jo bo setlhana le bosweu. Mafofa a maphuka a phofo le ona a tshwailwe go tshwana le mogatla. Karolo ya legetla e palapaditswe ka bontsho le bosweu.

Phepo

Kgôri e itsagale fa e le nonyane e e bokete go di feta mo Afrika. E ja dimela le nama, e ja meretlwa le diphologotswana tse di jaaka mekgaditswane le dinoga. Ditsuwane tsona di ja ditshenyekegi. Go fitlheletswe fa di ja borekhu jwa setlhare sa mosu. Gore a di ja ditshenyekegi tse di ka tswang di ja borekhu kgotsa di ja borekhu ka sebele ga go ise go itsiwe. Mokgwa o mongwe wa Kgôri o o botlhokwa ke gore e nwa metsi ka go a goga, go sa tshwane le dinonyana tse dingwe tse di nwang metsi ka go a gelela ka molongwana.

Tsadiso

Kgôri e kaiwa e le setshedi se se nang le balekane ba le bantsi. Ka motsi wa pele ga go gwêla, ya tona e butswela molala wa yona mme e tsharolle maphuka jaaka e bina fa pele ga ya tshegadi. Tse dingwe di a fetelela mme di shafola mafofa otlhe a yona, mme di lebege okare ke kgwele e kgolo e tshweu. Di na gape le go obama fa pele ga ya tshegadi fa di budulela molongwana. Tsa tona di na le go ntsha le modumo o mogolo thata. Mo nakong e, ya tona e lemogwa ke ya tshegadi.
Tsa tona tse di tsadisang di tlhagisa tiragalo e go sale gale mo letsatsing kgotsa mo thapameng. Tsa tona ga di tseye seabe mo kgodisong ya bana. Tsa tshegadi di dula mo sentlhageng nako e telele, di tswa fela nakwana go ya go ja. Tsalo gantsi e diragala gangwe mo ngwageng mme e tsaya matsatsi a le 23-30. Fa tshegadi e beela mae, go tlwaelegile gore tshegadi ga e nke e aga sentlhaga se se kima; e ka beela le mo fatshe.

Maitshwaro

Ke banni ba lefatshe, jaaka leina la tsona la sekgowa, bustard, le kaya. Le raya gore dinonyane tse di tsamayang. Di fofa fela ga go tlhokega ka ntlha ya bokete jwa tsona. Go bonagala fa Kgôri e ka tlhaolwa jaaka dinonyane di le mmalwa tse di sa fofeng jaaka mantšhwe le bo-emu, se se rayang gore di ka tswa di boela kwa maemong a tsona a segologolo, jaaka tsona le bo-mogôlôri ele matlhogela a ditsomi tse kgolo tse di sa fofeng tsa kwa Lowe. Di phela nako e telele mme di tsadisa ka bonya. Di dula mo lefelong le lengwe sebaka se se telele fela ga dijo di santse di le teng, mme di fuduge jaaka diphologolo tse dingwe.
Di bonwa di le nosi, ka para kgotsa ka ditlhotshwana kwa dikgweng, naga e e tlhaga le kwa Kalahari. Kgôri e tsamaela ka bonya ka dikgato tse di akanyeditsweng mme e fofa ka go sa rate. Ka nako ya go gwêla, ya tona e budulela kgokgotso gore mafofa a masweu a a mo molaleng a tsharolloge, tlhogo e e nang le moetse o o emeletseng e gogelwa kwa morago, maphuka a lepeletswa fa mogatla o lebiswa kwa godimo le kwa pele go ya molaleng. Nonyane tse di na le motsamao o o tlhomphegang mme ke difofi tse di maatla fa go lebilwe mmele wa tsona.
Di tlhatlhoga ka go betsa-betsa maphuka a tsona a a bokete, fela fa di setse di le mo moweng di fofela ka bonako ka maatla. Di itlhophela go tsamaya di katoga kotsi mme di fofa fela fa di patelesega. Ga di le ka setlhopha, nonyane tse di tsamaya ka mola o o sa rulaganang go kgabaganya naga di batlana le dijo.

Tulo

Kgôri e dula kwa nageng tsa tlhaga tse di anameng di bulegile, le dikgwa tsa ditlhare tse di telele tse di sa kitlanang. Dika-mofuta wa Kgôri di ka fitlhelwa kwa dikgweng tse di sa omelelang thata tsa ditlhare tse di telele mme di sa kgotlhagana. Kgôri e rata thata mafelo a tlhaga e khutshwane a a lebegang. Nonyane tseno ga di itsiwe di fudugafuguga jaaka nonyane tse dingwe, di fuduga fela fa go tlhokega ka nako e dijo di fedileng kgotsa boemo jwa bosa bo sa siama.

Di fitlhelwa kae

Kgôri e fitlhelwa kwa Afrika Botlhaba le Afrika Borwa. Mafelo a kwa Afrika Botlhaba a teng ke Ethiopia, Kenya le Tanzania.

Leina La Se-Latin

Ardeotis kori