Klipspringer

© Nigel Dennis

Leina

Klipspringer [oreotragus oreotragus]
Leina Klipspringer ke la se Afrikaner ya go kaya ‘go tlola maje’ le bokgoni mo nageng go kgona go tsamaya ka kgololosego mo matlapeng, e bonagala e tsamaya ka ditsetsekwane.

Popego

Bokete jwa 11-13 dikhilograma le go ema kwa godimo mo magetleng a boleele jwa 500-600 dimilimetara, ke pudi e nnye mem e matlhagatlha. Tse dinamagadi ke tse di kgolwane go feta diphelehu. Diphelehu ke tsona fela tse di nang le dinaka tse di khutshwane,tse di tshekeletsa fela kwa tlase.
Klipspringer di na ditsebe tse nnye di potokwe mme di tlhomilwe kwa morago ga tlhogo, le matshwao a tshwaana a a bonalang fa gare. Letlalo le le magalerwa ke le le farologaneng go ya ka mmala, morit wa bosetlha, boserolwane, borokwa kgotsa bohibidu le bosweu, e tshweu ka fa dikarolong tsa kwa tlase. Ntlha e kgolo e e bonalang ke kgeleswa e e fa bogareng jwa ditsebe mme e kgolo e bile e ntsho.

Dibatana

Nkwe, Phokoje, Phiri e e mabala di tsomna le Klipspringer. Dinamane di mo kotsing ya go ka tsomiwa ke Dintsu le Ditshwene. Ka gonne Klipspringers e tshwanetse go tlogela mophato go bona dijo, di itemogela thata le go itse mekgwa eo dibatana di bitsanang ka gona. Di tsiboga ka siela kwatikologong ya maemo a a kwa godimo le fa e le kwa ntle ga go kuwa mokgosi go tsibosa ya namagadi pele, eo e di etelelang pele. Fa fela go babalesegile, di betsa molodi, go leletsa mokgosi tse dingwe ka go o dira di le pedi.

Dijo

Go ja ditlhatsana go akaretsa go ja dithunya tse di kgethegileng, manana le maungo a ditlhare tsa mefuta e mentsi ya ditlhatshana le ditlama. Ga e nke e ja bojang. Ga e ya ikaega ka go nwa metsi.

Pelegiso

Konyana e le ngwe e tsalwa gantsi ka nako ya dikgakologo le selemo go latela go dusa ga dikgwedi di le thataro. Tse dinnye di a lelekwa go tswa mo setlhopheng morago ga ngwaga o le mongwe, ka nako e re e setse e godile.

Maitsholo a yona

Diphelefu le tse dinamagadi di nna le tshwaraganyo le bong ka bobedi go sireletsa mafelo a leruri. Ga ntsi, ditlhopha tsa go fitlha go di le robedi di ka bonwa, tse di ka nna ditlhopha go tswa mo go ba bangwe ba lelapa goo tswa kwa ditikologong tsa boagisane.

Bonnotlhago

Klipspringer e na le tikolog eo e e ratang go gaisa mo bonnotlhagong, e leng yona ya maje le dithaba, meboto ya maje. Se se letla se pudi e ya maoto a matjato go tshabela dibatana.

Di Fitlhelwa Kwa Kae?

Di phasaladitswe mo mafelong a a latelang mo Borwa jwa Aforika, Zoutpansberg le ditikologong tsa dithaba tsa kwa Lebombo, dithabakgolo, go bapa le noka Kuiseb mo sekakeng sa Namib, noka ya Lekwa, le e e tlwaelegileng mo dithabeng tsa Kapa Bophirima. E e sa tlwaelegang mo dithabeng tsa Drakensberg.

Dipalopalo Tsa Botlhokwa

Bokete (namagadi): 11 - 16 dikhilograma
Bokete (tona): 9 - 12 dikhilograma
Boleele (namagadi): 82 disentimetara
Boleele (tona): 82 disentimetara
Go dusa: dikgwedi di le 7
Nomoro ya bašwa: 1 kwananyana
Tolamo: Artiodactyla
Lelapa: Bovidae
Dinaka: 10 disentimetara (kwala – 16 disentimetara)
Pelegiso: E nnye ke nako epe fela e a tsalwa mo tsamaong ya ngwaga morago ga go dusa ga paka ya dikgwedi di le 7.

Tlhaloso ya fa e gatileng gona

Klipspringers tsamaya mo dintlhaneng tsa ditlhakwana tsa yona, tse di telele, e tlhakane mo bogareng ditlhakwana di sephaphathi le go tlhaba tse di sediko. E nne potokwe ka fa tlase ga maoto ke karolo ya go tshela bonolo mo tikologn y ayona e matlapa.